Monna o latofadiwang ka go betelela lekgarebe la kwa Lokgabeng o golotswe


Ka OBAKENG MAJE

15 Phukwi 2025- Monna o neng a latofadiwa ka go betelela lekgarebe la dingwaga di le 16 la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, o golotswe. Se, se tla morago ga gore bosekisi bo shupe fa bopaki kgatlhanong le monna o bo sa nonofela kgetsi.

Go begwa fa se, sebakilwe ke bopaki jo bo tlhakatlhakaneng go tswa go dipaki ga mmogo le lekgarebe le. Go begwa fa dipaki di boleletse mmatlisisi wa kgetsi fa ba ne ba na le motswasetlhabelo kwa ntlung fa ba ne ba iphanya ka nnotagi, mme ba bega fa ba ise ba tsamaye ba ye kwa ntlung e rekisang nnotagi kwa 2BOB.

Fela o mongwe wa dipaki go begwa fa a tlhalositse gore ke nnete ba ne ba ya kwa 2BOB, fela o bone motswasetlhabelo a na le monna mongwe o a sa itsiweng kwa morago ga tavern.

Kgetsi ya petelelo ene ya bulwa morago ga dipego tsa gore lekgarebe le ga mmogo le ditsala tsa gagwe, ba ne ba ya kwa lefelong le le rekisang bojalwa la 2BoB ka ura ya bo lesome bosigo ka Lamatlhatso. Go begwa fa ba ile ba fitlha ba iphanya ka nnotagi, fela e ne ya re lekgarebe le le utlwa ekare o bo tshetse go utlwala, one a kopa ditsala tsa gagwe gore ba tsamaye.

Go ya ka dipego, ditsala tsa gagwe di ile tsa gana, mme ba mo kaela fa ba setse ba itisitse. Go begwa fa lekgarebe le, le ne la ipeta pelo fela, mme la wela mo tseleng.

Go begwa fa le ne le tla le lebile kwa gagabo, le ne la kopana le mosadimogolo. Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a mo botsa gore ke mang, mme gobaneng a tsamaya a le nosi bosigo?

Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlhalosetsa mosadimogolo fa ele setlogolo sa kwa ga Maine. Go begwa ga mosadimogolo a ile a mo tlhalosetsa fa rragwemogolo Maine ele ntsalae, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene a ye go robala kwa gagagwe, gonne go le bosigo o ka tlogana a tlhaselwa ke dilalome.

Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a tlhalosetsa lekgarebe le fa a sa bone tsela sentle, mme ba tsamaya go ya kwa legaeng la gagwe. Go begwa fa go fitlheng ga bone, mosadimogolo o ne a mo laela gore a robale mo phaphosing ya mmelaelwa wa dingwaga di le 33.

Go begwa fa ka nako eo, mmelaelwa a ne a seo, mme lekgarebe le, le ile la robala.

Go ya dipego, mmelaelwa o ile a fitlha moragonyana, mme a fitlhela lekgarebe le, le robetse mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa lekgarebe le le ile la tsoga magareng ga ura ya borobongwe le lesome mo mosong, mme a tsosiwa ke go utlwa gore go na le motho o mo betelelang.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a botsa mongongoregi gore ele gore ene ke mang, ebile o fitlhile jang mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa mmelaelwa a ile a bolelela mongongoregi gore a se ise pelo mafisa, gonne ke mosadi wa gagwe.

Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlola mo godimo ga bolao, mme apara borokgwe jwa gagwe jwa mogare (panties) ga mmogo le borokgwe jwa gagwe jwa jeans, mme a se hopha selelo.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tswela kwa ntle, mme a itsise mosadimogolo fa lekgarebe le, le lela fela ga itse gore o lelela eng. Go begwa fa mmelaelwa a ile a latela lekgarebe le mo ntlung, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene go ya go bolelela mosadimogolo gore o lelela eng.

Go begwa fa mosadimogolo a ile a laela mmelaela gore a ise lekgarebe le kwa gagabo, fela lekgarebe le ile la gana. Go begwa fa mosadimogolo a ile a neela lekgarebe le madi a kanang ka R100 gore a pagame tekesi go ya gae kgotsa a bone gore o tla dira eng ka madi ao.

Go begwa ka lekgarebe le, le ile la tsamaya ka bokukuntshwane kwa legaeng la mosadimogolo. Go ya ka dipego, lekgarebe le, le le neng le tlhapile ka dikeledi, le ile la kopana le mme mongwe mo tseleng.

Go begwa fa mme o, a ile a mo botsa gore o lelela eng, mme o ile a mo lotlegela ka se se mo diragaletseng. Mme o, go begwa fa a ile a leba kwa gagagwe le lekgarebe le, mme a fitlha a roma ngwana wa gagwe go ya go reka airtime gore motswasetlhabelo a letsetse batsadi ba gagwe.

Go begwa fa mme o, a ile a letsetsa mmagwe ngwana. Go begwa fa mmagwe ngwana a ile a ya go tsaya ngwana wa gagwe, mme kgetsi ya petelelo e ile ya bulwa.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tshwarwa ka Labobedi, mme o ile a tlhagelela kwa kgotlhatshekelo, mme kgetsi kgatlhanong le ene e ile ya tshololwa nakwana.

taungdailynews@gmail.com