
Ka OBAKENG MAJE
27 Diphalane 2025- Moithuti wa dingwaga di le 19 wa kwa sekolong se segolwane sa Mamutla kwa Kameelpuits, gaufi le Taung, o tlhakafetse mo kotsing ya sejanaga. Go begwa fa moithuti o, Gaopalelwe Seitshiro, a ne a tsamaya ka maoto go ya sekolong fa a ne a ka thulwa ke tekesi e eneng e pegile baithuti ba bangwe go ya sekolong mo letsatsing la gompieno.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa mokgweetsi wa tekesi e neng e kgweetsa magareng ga motse wa Losasaneng le Madithamaga, a ne a sega sejanaga se sengwe tsebe fa a ne a ka thula moithuti o. Van Rooyen are moithuti o, o ile a bona dikgobalo tse di masisi.

“Go begwa fa moithuti o, a ile a tlhokafala. Ga gona bapagami bape ba ba itemogetseng dikgobalo, fela ba ile ba isiwa kwa kliniking ya kwa Sekhing go ka retibadiwa maikutlo (trauma counselling). Dipatlisiso di tsweletse mabapi le kotsi e,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana e, Itumeleng Maribe yo o neng a le kwa lefelong la tiragalo, are tsela e ya D201, e tsweletse go ka aparelwa ke dikotsi. Maribe are dikotsi tse, dibakiwa ke ditlhare tse dintsi-ntsi tse di tletseng mo tseleng.
“Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba ga mmogo le Ditsela mono Bokone Bophirima go ntsha ditlhare tseo. Re ile ra buisana le lefapha, mme re kopile gore le fokotse ditlhare tse dintsi-tsi tse di tletseng mo tseleng.
“Se sengwe ke gore tsela e e tswang kwa motseng wa Madithamaga go ya Kgomotso, ga ena dihampa (speed humps) tse di rebang lebelo. Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto tsa Setshaba le Ditsela mono Bokone Bophirima go netefatsa fa go nna le dihampa tse di fokotsang lobelo mo tseleng e,” Maribe wa tlhalosa.
Maribe are a go tshwanetswe gore go nne le dikotsi, mme batho ba latlhegelwe ke matshelo pele ga lefapha le ka tsiboga? Maribe are baagi ba ile ba buisana le ene gore ba ithaope go fokotsa ditlhare tse di mo tseleng, gonne di sira bakgweetsi.
“Fela ka mokgwa o ditlhare tse di leng dintsi ka teng, di tla tlhoka Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba Le Ditsela gore le lone le tsenye letsogo. Go bontsha fa mokgweetsi wa tekesi a ile a latlhegelwa ke taolo, mme a feleletsa a thula moithuti o. Re ile ra letsetsa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba goroga thari.
“Bontsi jwa baagi le bone ba ile ba itelekela kwa lefelong la tiragalo le fa go ile ga nna le tiego ya di ambulance. Tiego e bakilwe ke gore di ambulance tsa rona re di bitsa go tswa kwa Taung. Fela sepodisi se ile sa tsiboga,” Maribe wa tlhalosa.
Maribe are go botlhokwa gore ba akgole kliniki ya bone ya Kgomotso ka tiro e ba e dirileng go leka go boloka botshelo jwa moithuti o. Maribe kliniki e lekile mo tlase ga keteledipele ya ga mooki Lebo Lekoma.
“Re ile ra letsetsa Lekoma yo o neng a le mo tseleng go ya kwa thutokatiso (workshop) kwa Taung. Fela, o ile a boa mo tseleng go tla kwa lefelong la tiragalo. O lekile thata go ka retibatsa seemo sa moswi. Moswi o ile a rwalelwa kwa bookelong ka ambulance le fa seemo sa gagwe se ne se tlhobaetsa.
“O tla gopola gore ke kotsi ya boraro e diragala mo matsatsing a se mmalwa. Go nnile le kotsi mo gare ga beke e re tswang mo go yone e, gape go nnile le kotsi mo letsatsing la maabane,” Maribe wa tlhalosa.