Setlhopa sa Lovely Movers se ikgapetse R24 000 


Ka OBAKENG MAJE 

13 August 2025- Barati ba kgwele ya dinao go ralala Taung, ba itumeletse lobebe lwa kgwele ya dinao le le neng le tshamikiwa kwa Women’s Day Top 8 Tournament kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, mo mafelong a beke. Ditlhopa di le dintsi di ne di ntshitse ga tshwene, fela setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, se ile sa fetoga bafenyi ba tonamente morago ga go ruta setlhopa sa Mighty Boys FC kwa diphala di nwang metsi gone. 

Setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, se fentse setlhopa sa Mighty Boys FC ka nno e le nngwe go lefela. 

Mokatisi wa setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, Jacob Tshilo are motsameko wa bone kgatlhanong le setlhopa sa Mighty Boys FC, e ne ele o tsitsibanyang mmele. Tshilo are motshameko one o bulegile, mme seo se ba file tshono ya go tsenya kgatelelo. 

“Re tshamikile kgatlhanong le setlhopa se se popota. Fela le rona re ne re eme pudi matsheba. Re tshamekile le ditlhopa tse di di phatsa, mme ene ya re fa re fetsa go di fenya, ke fa re lemoga gore re na le tshono ya go ikgapela sejana. 

“Fela re kopane le setlhopa se se popota eleng sa Mighty Boys FC. Gape, ke itumeletse go bona matshetshe a kgwele ya dinao. Re ikuela go ditlhopa tse dikgolo go tla go lebelela lobebe la kgwele ya dinao, le go lebelela bokgoni jo batshamiki ba rona ba nang le bone,” Tshilo wa tlhalosa.  

Mokatisi wa setlhopa sa Mighty Boys FC, Sifiso Nukeri are: “Batshameki ba rona ba ile ba palelwa ke go tsepanya mogopolo mo go se ba se dirang. Gape, puisano ya bone e ne e se e e edileng kwa morago. 

“Batshamiki ba rona kwa morago ba ne ba sa ele tlhoko batshamiki ba setlhopa se re neng re tshameka le sone. Ke ka moo re ileng ra nosiwa nno.” 

Fela Nukeri are ba tla dira botokwa mo nakong e e tlang. 

Mongwe wa barulaganyi ba tonamente e, Charlie Ramonnye, are ba itumetse thata gore ba be ba rulagantse tonamente e, mme ba e lebisitse go bomme botlhe. Ramonnye are go le gantsi bomme ba shotlakakiwa ka mekgwa e farologaneng. 

“Jaanong re rulagantse tonamente e, go ka ema nokeng ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bomme le bana. Re gopola bomme ba ba ileng ba ipetsa sehuba, mme ba ema kgatlhanong le tshotlakako ya bomme. 

“Seemo sa kgwele ya dinao se ne sele kwa godimo thata, mme le barati ba kgwele ya dinao le bone ba bone matshetshe,” Ramonnye wa tlhalosa. 

Kgabagare setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC se ikgapetse madi a lekanyediwang go R24 000 ga mmogo le dimetale tsa gauta, sejana le kits, fa setlhopa sa Mighty Boys FC ba iponetse madi a lekanyediwang go R10 000 ga mmogo le dimetale tsa selefera le kits. 

taungdailynews@gmail.com