‘Monnamogolo o teketilwe a shupilwe ka dithunya’ 


Ka OBAKENG MAJE 

16 Diphalane 2024- Monnamogolo wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, are o tshelela mo letshogong, mme ga itse gore a lebe kae. Christopher More (70), are go na le banna ba ba itirileng kgogomodumo mo botshelo jwa gagwe, mme sepodisi ga se dire sepe. 

“Ke ile ka teketiwa ke banna ba ngwaga o fetileng, ba be ba sala ba fisa ntlo le sejanaga saka. Ke ile ka hudugelwa kwa Tlapeng, gape ba nteketile ba ntshupile ka dithunya. 

“Re ne re tsenetse kopano ya morafe kwa kgotlha, mme go ile ga fitlha moruti o a ileng a bula ka thapelo. Kopano ene ele mabapi le matikiri a epiwang motseng,” More wa tlhalosa. 

Are kwa kopanong eo, go ile ga nna le dikgoga-kgogano, mme ba ile ba gamarega fa ba bona moruti a tlogela kopano, mme a apara diaparo tsa tshireletso (bullet proof). More are moruti o ile a tsena mo sejanageng sa gagwe a tsamaya. 

“Rona re ile ra tsamaya, gonne nna ke ne ke ikutlwa tlala. Erile fa re sentse rele mo tseleng, re ne ra bona dijanaga di le pedi di feta ka lobelo, mme di lebile kwa kopano eneng e tshwaretswe teng. 

“Fela pele ga re tsena kwa re dulang teng, dijanaga tseo di ile tsa fitlha le go emisa fa thoko ga rona. Re ile ra makadiwa ke go bona banna ba le bane, ga mmogo le moruti, ba fologa ka dithunya. Ba ile ba re tshwara le go re teketa ba re shupile ka dithunya,” More wa tlhalosa. 

Are ene ya re morago ga moo, ba ile ba tsena mo dijanageng tsa bone ba tshaba. More are mme moragonyana, go ile ga fitlha sejanaga sa sepodisi. 

“Ke ile ka ba lotlegela se se diragetseng. Re ne ra tsena mo sejanageng sa sepodisi, le go leka go lelekisa dijanaga tseo, mme ene ya re fa re tsena kwa motseng wa Manthe, re ile ra bolelelwa fa dijanaga tseo di ile kwa kgosing. 

“Re ile ra leta le mapodisi kwa tseleng, mme moragonyana, re ile ra bona dijanaga tseo di tswa kwa kgosing le go leba kwa motseng wa Dikhuting. Mapodisi a ile are a leka go di lelekisa, fela go ile ga retela,” More wa tlhalosa. 

Are go ile ga tlhaga sejanaga se sengwe kwa morago, mme se ile sa kgoreletsa sejanaga sa sepodisi gore se se tshware dijanaga tse ba neng ba di beile maroa. More are, sepodisi se ile sa itlhoboga fa se tsena ka Dikhuting. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophrima, Colonel Adele Myburgh are: “Sepodisi se butse kgetsi ya go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo. Fela, ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse.”

taungdailynews@gmail.com