
Setshwantsho: Monna o fitlhetswe a tlhokafetse
Ka OBAKENG MAJE
8 Seetebosigo 2026- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 20 a fitlhelwe a tlhokafetse kwa mmileng kwa motseng wa Matsheng, gaufi le Taung ka letsatsi la Tshipi mo mosong.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong la tiragalo. Ba ile ba fitlhela setopo sa monna wa dingwaga di le 20 kwa lefelong leo.
“Monna o, o ile a netefadiwa fa a tlhokafetse, mme kgetsi ya morago ga loso e ile ya bulwa. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe se se ka tswang se tlhodile loso la gagwe, fela dipatlisiso di tsweletse.”
