
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa go thubilwe kwa dikolo ele tlhoba-boroko. Seno se tla morago ga magatwe a gore, go thubilwe kwa sekolong se se potlana sa Baisitse, mme ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets di le 32.
Go ya ka mongwe wa baagi yo sa batlang leina la gagwe le itsiwe are: “Go tlhola go thubilwe fela kwa sekolong, mme ga gona ope o tshwarwang. Fela, go tletse-tlese mo motseng gore ke mang o tswang go thuba kwa sekolong le go utswa di laptop le di tablets tseo.
“Gape re makadiwa ke gore go baneng mogokgo wa sekolo, Lesetjha Kgwahla, a ne a sa itsise lekgotlha-taolo la sekolo gore Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima le tlisitse di laptop ga mmogo le di tablets tseo? Go lo fa ekare gona le sengwe se se sa tsamaeng sentle, ebile le motho o latofadiwang ka go thuba kwa sekolong, o tlhalositse fa ene a emetse fela gore a tshwarwa, mme o tla ntsha mosi ka sekhurumelo.”
Modulasetilo wa lekgotlha-taolo wa sekolo, Kgakololo Koji o kaile fa a utlwile gore go ile ga thubiwa kwa sekolong, mme ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets. Fela ka maswabi, Koji ene o tlhalositse fa le ka matlho a sa di bona fa di ne di goroga.
“Ke ne ka letsetswa ke mogokgo, mme a ntlhalosetsa gore go thubilwe kwa sekolong, ebile go utswitswe di laptop ga mmogo le di tablets. Fela se ke tla go se netefaletsang ke gore, di laptop tseo ga mmogo le di tablets, di gorogile ka Labone go ya ka puo ya mogokgo, mme fela nna ga ke a di bona fa di ne di goroga.
“Ga ke a itsisiwe fa di ne di goroga, mme ke makaditswe fela ke go utlwa mogokgo a mpolelela gore di utswitswe. Se ke tla go se totobaletsang ke gore, re kopile mogokgo gore a ye go bula kgetsi kwa sepodiseng,” Koji wa tlhalosa.
Koji are go tlile go nna thata mo go ene gore a arabele go ya kwa pele, gonne ga tlhaloganye lepele le morago la kgang e. Are la bofelo fa ba ne ba bua le Kgwahla, o ba tlhaloseditse fa motho o a latofadiwang ka go utswa di laptop ga mmogo le di tablets, a tlhagelela mo setshwantshong sa motsikinyego (cameras), fela a sa bonagale sentle gore ke mang.
“Jaanong, mogokgo o tlhalositse fa a emetse batho ba ba tlhatswang setsaya-ditshwantsho (cameras) gore ba tle go senola gore motho o ke mang,” Koji wa tlhalosa.
Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Ke nnete di laptop ga mmogo le di tablets di le 32, di ile tsa utswiwa kwa sekolong sa Baisitse, ebile kgetsi e butswe kwa sepodiseng. Sekolo se lemogile letsatsi morago ga tiragalo gore go nnile le go thubiwa.
“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng mo tiragalong e. Re netefatsa fa go sena setsaya-ditshwantsho kwa sekolong (cameras) go ka thusa mo go tshwareng molatofadiwa wa tiragalo e. Ga gona batlhokomedi kwa dikolong go ralala porofense, mme re ikuela go baagi go se reke dilo tse di utswitsweng,” Molokwane wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go ile ga bulwa dikgetsi di le pedi tsa go thubiwa kwa sekolong ka Ngwanatsele 2023, ga mmogo le ka Tlhakole 2024, fela mo dikgetsing tseo di le pedi, go ile ga utswiwa dijo tsa boleng jwa R2000.
“Go fitlha ga jaana, ga rena ditlankana tse di shupang fa go butswe kgetsi ya go thubiwa kwa sekolong, mme mo go yone go ile ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets. Ga gona ope o tshwerweng mo dikgetsing tse pedi tse di butsweng,” Mokgwabone wa tlhalosa.