Setopo sa monna se bonwe kwa nageng


Ka KEDIBONE MOLAETS I  

28 Seetebosigo 2026 – Setopo sa monna wa dingwaga di le 54 se bonwe kwa nageng gaufi le motse wa Khibitswane Extension mono Taung. Go begwa fa moswi a ile a bonwa ke mofeti ka tsela ka Labone.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are mofeti ka tsela o ile a goeletse moswi, mme ga gwa nna le karabo. Van Rooyen are o ile a atamela, mme a lemoga fa monna o a setse a hulere.

“Go begwa fa a ile a itsise sepodisi, mme ba thuso ya potlako le bone ba ile ba bidiwa. Go begwa fa ba ile ba lekola moswi le go netefatsa fa a setse a kgaogane le lefatshe le le ka kwano.

“Sepodisi se ile sa bula kgetsi ya morago ga loso,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com