Sepodisi se boloditse dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Godhlo


Ka OBAKENG MAJE

2 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa kwa Machonisa Section, kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, Buti Godhlo (42), a bolawa setlhogo ka Laboraro bosigo.

Go begwa fa Godhlo a ne a robetse kwa ntlung ya gagwe, mme a tsenelelwa ke batho ba ba sa itsiweng. Go begwa fa go ile ga runya ntwa magareng ga moswi le banna bao, mme ba ile ba mo thuntsha mo tlhogong le mo legetleng, pele ga ba ka mo fisa ka oil.

Go begwa fa sepodisi se bone sekupu sa oil se se neng se diriswa ke dilalome tse kwa lefelo la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe, mme ga ise go tshwarwe ope.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le kitso mabapi le polao e, a letsetse mmatlisisi wa kgetsi, Sergeant Monchwe mo dinomorong tsa 082 469 0332,” Van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, baagi ba tlhalositse Godhlo jaaka motho o neng a na le lerato, ebile a sa tshwenyane le batho. Ba tlhalositse fa loso la gagwe le ba amile thata, gonne Godhlo ene ele motho oneng a tsena kereke, mme a sa romulane.

taungdailynews@gmail.com