

OBAKENG MAJE
16 Diphalane 2025 – Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 11. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.
Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.
“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.
“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.
Lekgotlha le tlhalositse fa dipatlisiso di tsweletse fa le sentse le letile dipholo tsa sethunya.
Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.
Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.






