Monna yo a latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe, o solofetswe go dira kopo ya beile

Ka OBAKENG MAJE 

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, Kabelo Mogongwa, e solofetswe go ka reediwa ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ditheetso tsa beile di tsa busediwa morago, mme Mogongwa o itsisitse lekgotlha gore o tla go dula kwa Magogong fa a ka rebolelwa beile. 

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com 

Kgetsi ya polao kgatlhanong le Kabelo Mogongwa e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, Kabelo Mogongwa, e buseditswe gape ke kgotlhatshekelo ya Taung, go fitlha ka di 2 Moranang 2024. Ditheetso tsa beile di ne di reeditswe, mme Mogongwa o itsisitse kgotlhatshekelo gore o tla go dula kwa Magogong fa a ka neelwa beile.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go thuntsa lekgarebe la gagwe o buseditswe kwa ntlolefitshwaneng

By OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, Kabelo Mogongwa, e buseditswe go fitlha di 25 Mopitlwe 2024 ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ditheetso tsa beile di tlhotse di reeditswe, fela Mogongwa o paletswe ke go itsise lekgotlha gore o tlile go nna kae fa a ka rebolelwa beile.

Jaanong, lekgotlha le neetse Mogongwa tshono enngwe gape gore a batlane le lefelo le a tla yang go dula kwa go lone fa a rebolelwa beile. Mogongwa one a itsise lekgotlha mo nakong e fitileng gore, o tla ya go dula golo gongwe, fela mong wa legae leo, one a kaela sepodisi fa a sena manno a ga Mogongwa.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le Kabelo Mogongwa di solofetswe go tswelela

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, Kabelo Mogongwa e solofetswe go reediwa ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ditheetso tsa beile di ne tsa busediwa morago mo bekeng e e fitileng, gonne mosekisi, ga mmogo le mmatlisisi mo wa kgetsi eno ba ne ba seo.

Gape, sepodisi se tswa go netefatsa aderese e molatofadiwa a shupileng fa a tla ya go nna go yone fa a ka rebolelwa beile.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao e buseditswe morago 

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e tlhotse e buseditswe morago go fitlha ka letsatsi la di 14 Mopitlwe 2024. Seno se tla morago ga gore mosekisi a se nne teng, ga mmogo le mmatlisisi mo wa kgetsi eno.

Go begwa fa Kabelo Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le Kabelo Mogongwa e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e buseditswe morago go fitlha di 11 Mopitlwe 2024. Seno se tla morago ga gore mosekisi a se nne teng.

Go begwa fa Kabelo Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng o o gaufi le Khibicwane. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le Kabelo Mogongwa e boela kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e solofetswe go ka reediwa mo letsatsing la gompieno kwa kgotlhatshekelo ya Taung.