Mokwadi wa dibuka o rotloetsa basha go buisa 


Ka OBAKENG MAJE 

5 Tlhakole 2025- Mokwadi wa dibuka tsa Setswana o diphatsa, Kgosietsile Mokabeng, wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, o rotloetse batho go bala dibuka, mme segolo thata jang basha. Mokabeng are go bala dibuka go matlafatsa tlhaloganyo le kitso ya motho, mme gape e mo rute le go buisa mafoko sentle. 

Mokabeng are basha ba le ba ntsi ba dirisa nako ya bone botlhatswa ka go tlhola ba le mo metsweding ya boitapoloso e farologaneng. Are fela seo, ga se ba thuse ka gope fa ba sa dirise metswedi eo sentle jaaka go bala dibuka. 

Mokabeng yo o golotseng buka e e bidiwang Ke Tsa Botshelo sesheng jaana, are go bala dibuka go ruta motho go nna le dikakanyo tse di farologaneng tsa botshelo, ga mmogo le go leba botshelo ka mokgwa o farologaneng. 

“Ke sa tswa go ntsha buka ya boraro e eleng gore ke padi. Padi e, e rotloetsa basha gore thuto e botlhokwa. Thuto ke yone fela e e tla ba thusang go fetola matshelo a bone. 

“Jaaka mokwadi, ke dirisitse mosha, mme ka mo tsenya mo tlase ga dikgwetlo tsotlhe tsa botshelo. Ke ile ka mo isa kwa unibesithi, mme go boa kwa, a tla go tsaya karolo a nna le seabe mo phetolong ya matshelo a bao a tshelang le bone,” Mokabeng wa tlhalosa. 

Mokabeng are le lerato la botsadi leo leleng teng, le shupa fa tshegetso ya botsadi le yone e tsaya karolo e tona thata gore mosha o, a tsoge a fitlheletse tseo a di batlang. Mokabeng are leina la buka Ke Tsa Botshelo, mme e raya gore dikgang tse, ke tsa botshelo tse eleng gore ba tshwanetse ba emelana le tsone. 

“Sengwe le sengwe se se diragalang mo botshelong jwa gago, se direga ka lebaka. Sa gago ke gore o tshwanetse go nna le maatla a gore o fenya jang dikgwetlo tse o kopanang le tsone. Dikgwetlho tse di a go ago, di a go tiisa gore o kgone o fithelele ko o batlang teng. 

“Fa o batla buka e, o tla e iponela yone fela ka R100. Botlhe ba ba e batlang, ba ka golagana le nna kwa bukeng ya sefatlhego eleng Facebook. Ba ka golagana le nna mo kabeng ya Kgotlaetsile Mokabeng, kgotsa go nteletsa mogala,” Mokabeng wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com