
Setshwantsho: Molatofadiwa, Simon Molale
Ka OBAKENG MAJE
10 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, Simon Molale (23) e tla boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Molale o latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, eleng Tshepiso Medichane (21).
Go begwa fa Molale a ile a tlhabakaka Medichane ka thipa, mme a le botsa phokoje kwa lefelong la tiragalo fa a bonwa ke batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.
“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”
Kgabagare, Molale one a ganelwa ka beile ke kgotlhatshekelo ya Taung morago ga magatwe a gore o lekile go tsaya botshelo jwa gagwe.