Kgetsi ya polao kgatlhanong le Mogongwa e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

15 Sedimonthole 2024- Kgetsi ya polao kgatlhanong le molatofadiwa wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, Kabelo Mogongwa (47), e buseditswe morwgo go fitlha di 5 Ferikgong 2025, ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung. Mogongwa yo a begang fa a tlile go ipuelela mo kgetsing e, o ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). 

Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo a rotseng tiro ga jaana, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi a le mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com