Porojeke ya kago ya tsela e tsweletse kwa Itireleng


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa kwa Itireleng, gaufi le Taung, bare ba itumeletse go bona porojeke ya kago ya tsela ya dikilometara di le 10 e tshimolotse. Tsela e, ke e e golaganyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18. 

Baagi ba ne ba ikuela go masepala o mogolwane wa Taung go ba agela tsela. Mo dikgweding tse di fetileng, baagi ba ne ba nna le kopano le masepala, Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima, ga mmogo le Kantoro ya ga Tonakgolo (Office of the Premier) go ka tlhagolela tsela porojeke e.  

Masepala o mogolwane wa Taung, Lefapha la Ditsela, ga mmogo le Kantoro ya ga Tonakgolo, ba ne ba tsena mo tumalanong ya go agela baagi tsela eo ka mokwa wa tiriso ya ditene (paving). 

Jaanong, mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, le fa ba itumeletse kago ya tsela, go nnile le go ngodiega. Are le ka mokgwa o go thapilweng badiri ba ba agang tsela eo ka gone, ga se o go dumalanweng ka one.

“Re ne re dumalane le puso gore go tla thapiwa badiri ba Expanded Public Works Programme (EPWP) ba le 80. Fela go thapilwe ba le 40, mme bone ba dira ka go refosana.  

“Re ne re ikuela go Lefapha la Ditsela go oketsa palo ya badiri, mme go dire badiri ba le 40 ka gangwe. Masepala one o tlhalositse fa tiro ele ntsi, fela matsogo ele one a tlhaelang,” Pholo wa tlhalosa. 

Kgabagare, molekgotlha o a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng, Itumeleng Maribe are: “Dilo tsotlhe tse di tlhokegang mo kagong e ya tsela, di fitlhile. Gape, jaaka re ne re dumalane kwa tshimologong gore go tla dirisiwa badiri ba EPWP, ga gwa fetoga sepe. Go ne go na le magatwe a gore kago e ya tsela e tla agiwa ke rakonteraka. 

“Fela re tlhalositse gore tsela e, e tlile go agiwa ke badiri ba EPWP, mme ba tlile go unngwelwa ka go ithuta ditiro tse dingwe tse di farologaneng (skill transfer). Re tlile go netefatsa fa porojeke e ya tsela, e agiwa ka manontlhotlho.” 

Maribe are ba tlile go ka ela tlhoko gore seo se a diragala, mme diengeniere tsa masepala le tsone di tlile go nna karolo ya kago ya tsela e. 

taungdailynews@gmail.com