
Ka OBAKENG MAJE
27 Phatwe 2025- Monna wa dingwaga di le 33 o solofetse go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso mabapi le polao. Go begwa fa monna o, a ile a bolaya mosadimogolo wa dingwaga di le 77 wa kwa kgaolong ya Dipitsing kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, ka garawe mo letsatsing la maabane.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mmelaelwa a ne a tlhagola fa moswi, Masechaba James a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bobedi jo, mme mmelaelwa a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.
“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Ene o lebagane le ditatofatso tsa polao,” van Rooyen wa tlhalosa.
taungdailynews@gmail.com