Monna o tlhokafetse morago ga go wela mo forong kwa Magogong 


Ka OBAKENG MAJE 

Mogwanto wa thebolo e bokoa ya ditirelo, o one o boloditswe ke baagi ba motseng wa Magogong, gaufi le Taung, ga wa fela monate. Mo letsatsing la gompieno, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto, mme ba ipelaetsa kgatlhanong le thebolo e bokoa ya ditirelo, jaaka tlhokego ya metsi, go sa bone motlakase ga mmogo le ditsela tse di sa tsamaegeng. 

Fela, go begwa fa monna mongwe, Thabang Mosienyane, yo eneng ele karolo ya mogwanto o, a ile a wela mo forong le go tlhokafala ka gangwe. Go ya ka dipego, Mosienyane one a gotsa molelo gaufi le foro eo, mme a relela le go wela mo forong. 

Kgabagare, molekgotlha wa masepaleng o mogolwane wa Taung, gape ele karolo ya komiti ya ga mayara, Itumeleng Maribe, are ba ile ba lelediwa ke bangwe ba baagi go tla go tsaya lekwalo la dingongorego (memorandum). Maribe are, fela go ne ga nna le dipego tse di sa jeseng monate, mabapi le go tlhokafala ga mongwe wa baagi. 

“Go begwa fa Thabang Mosienyane, yo eneng ele karolo ya batho ba ba neng ba ipelaetsa, a ne a wela mo forong. Go begwa fa moswi a ne a gotsa molelo gaufi le foro fa a ne a relela le go wela mo go yone. Re ile ra kopana le baagi, mme ra tla ka toga-maano le go bona tharabololo mo dingongorego tsa bone. 

“Jaanong, re dumalane ka bongwe jwa pelo gore, re tlile go kopana le baagi mo letsatsing la kamoso. Kopano e, e tla be e tsenetswe ke batsaya-karolo botlhe ba ba farologaneng ka ura ya bo lesome mo mosong,” Maribe wa tlhalosa. 

Maribe are, ga jaana ba etetse lelapa la ra Mosienyane, le go bona gore batla thusa jang jaaka masepala. Maribe are, meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe, o tshepisitse ba lelapa gore masepala o tla tsenya letsogo mo thulaganyong ya phitlho ya ga Mosienyane. 

“Meyara o buisane le ba lelapa, mme o kopile gore ba mo neele ditlankana tse di maleba, gore masepala o kgone go thusa mo dithulaganyong tsa phitlho. 

“Seo, se tla diragala fela fa ditlankana tsotlhe tse di maleba di setse di feletse. O tla gopola gore go na le ledi le le beetsweng thoko kwa masepaleng le le thusang mo ditirong tsa potlako di ditshwana le tse,” Maribe wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com