Kgetsi ya polao kgatlhanong le Kabelo Mogongwa e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, Kabelo Mogongwa, e buseditswe gape ke kgotlhatshekelo ya Taung, go fitlha ka di 2 Moranang 2024. Ditheetso tsa beile di ne di reeditswe, mme Mogongwa o itsisitse kgotlhatshekelo gore o tla go dula kwa Magogong fa a ka neelwa beile.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela. 

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng wa Magogong. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com