Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa Manthe e buseditswe morago


OBAKENG MAJE

6 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha di 19 Motsheganong 2025. Se se tla morago ga gore mongwe wa balatofadiwa mo kgetsing, Thabang Lenyai (25), a itsise lekgotlha fa a batla mmueledi o mongwe.

Lenyai o tlhaloseditse lekgotlha fa a sa tlhole a batla go buelelwa ke advocate Mokhutsane yo a emetseng bone bo.

Mmeteledi, Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ene o itsisitse lekgotlha fa a ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene mo kgetsing e. Balatofadiwa nae, Thabang Lenyai, Katlego Mosimege (33) le Phenyo Katong (36), bone ba tlhalositse fa ba sa ipone molato.

Mo tshimologong, go ile ga nna le menyenyetsi ya gore Lenyai ga mmogo le Katong, ba tlile go ipona molato mabapi le ditatofatso kgatlhanong le bone, fela seemo se fetogile go fitlha ga jaana. Go ya ka menyenyetsi, Katong o ile a tshepisa Lenyai madi a kanang ka R300 000 gore ba rwale kgetsi e ya polao mmogo, fa mogoloe, Phenyo le Mosimege ba ka se ipone molato gore ban ne le tsholo ya go tsweletsa dikgwebo kwa ntle.

Fela go ya ka ditatofatso tse di sa tlhomamang, Katong ga a ka a neela Lenyai madi ao, ke ka moo a fetolang lewa.

Balatofadiwa ba ile ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong le Lenyai ba boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore, ba ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le bone, mme ba tlhalositse fa Mosimege le Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Mo letlhakuring le lengwe, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Mmeteledi, Bakang Katong ga mmogo le balatofadiwa nae ba tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le kgetsi ya polao


OBAKENG MAJE

5 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong le Lenyai ba boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore, ba ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le bone, mme ba tlhalositse fa Mosimege le Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Mo letlhakuring le lengwe, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

2 Motsheganong 2025- Monna wa kwa motseng wa Qhoo, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se se tla morago ga gore molatofadiwa, Pogisho Tshibithi (18), a tshwarwe le go latofadiwa ka polao.

Go begwa fa Tshibithi a ile a tlhaba Itumeleng Patrick Sinyolo (18) ka thipa le go mo bolaya ka gangwe fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 28, teng kwa motseng wa Qhoo. Go begwa fa Sinyolo le Tshibithi ba ne ba lwela lekgarebe lengwe le go begwang fa le setse le le kwa tlase ka dingwaga. 

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are tiragalo e, ke ya ura ya borobedi mo bosigong. Myburgh are sepodisi se ile sa bilediwa kwa ntlung nngwe, kwa ba ileng ba shupediwa setopo sa ga Sinyolo se se neng sena le dintho tsa go tlhabiwa.

“Sepodisi se ile sa bontshiwa setopo seo ke rragwe moswi. Go ile ga bidiwa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba netefatsa fa Senyolo a setse a tlhokafetse. Molatofadiwa o setse a tlhageletse makgetlho a le mabedi kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa polao,” Myburgh wa tlhalosa.

Kgabagare, lekawana le, le ile la busediwa kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile mo letsatsing la kamoso.

taungdailynews@gmail.com

Lekgarebe le ipolaile ka go nwa botlhole  


Ka KEDIBONE MOLAETSI

2 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga dipego tsa gore lekgarebe la kwa motseng wa Ditshilong, gaufi le Taung, le ipolaye. Go ya ka dipego, go ile ga tsoga nganyisano magareng ga moswi, Omphile Chweu (18), ga mmogo le batsadi ba gagwe ba ba neng bam o kgalemelela go ya kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Fela go begwa fa seo se ile sa se tseye Chweu sentle, mme a itswalela mo phaphosing ya gagwe ga borobalo mo go begwang fa a ile a nwa bolthole jo bo dirisiwang go bolaya tlhaga  kgotsa matokwane.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung go bona thuso ya potlako. Myburgh are go begwa f aka maswabi, Chweu a ile a tlhokafala fa kgwedi ya Moranang ene e tlhola matsatsi a le 24.

“Sepodisi si ile sa biletswa kwa bookelong kwa se ileng sa bontshiwa setopo sa ga Chweu. Kgetsi ya morago ga loso e ile ya bulwa,” Myburgh wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Chweu a tla bolokiwa mo letsatsing la kamoso.

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi se boloditse dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Godhlo


Ka OBAKENG MAJE

2 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa kwa Machonisa Section, kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, Buti Godhlo (42), a bolawa setlhogo ka Laboraro bosigo.

Go begwa fa Godhlo a ne a robetse kwa ntlung ya gagwe, mme a tsenelelwa ke batho ba ba sa itsiweng. Go begwa fa go ile ga runya ntwa magareng ga moswi le banna bao, mme ba ile ba mo thuntsha mo tlhogong le mo legetleng, pele ga ba ka mo fisa ka oil.

Go begwa fa sepodisi se bone sekupu sa oil se se neng se diriswa ke dilalome tse kwa lefelo la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe, mme ga ise go tshwarwe ope.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le kitso mabapi le polao e, a letsetse mmatlisisi wa kgetsi, Sergeant Monchwe mo dinomorong tsa 082 469 0332,” Van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, baagi ba tlhalositse Godhlo jaaka motho o neng a na le lerato, ebile a sa tshwenyane le batho. Ba tlhalositse fa loso la gagwe le ba amile thata, gonne Godhlo ene ele motho oneng a tsena kereke, mme a sa romulane.

taungdailynews@gmail.com

Molatofadiwa wa polao o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

1 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Qhoo, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka Labotlhano. Se se tla morago ga gore molatofadiwa, Pogisho Tshibithi (18), a tshwarwe le go latofadiwa ka polao.

Go begwa fa Tshibithi a ile a tlhaba Itumeleng Patrick Sinyolo (18) ka thipa le go mo bolaya ka gangwe fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 28, teng kwa motseng wa Qhoo. Go begwa fa Sinyolo le Tshibithi ba ne ba lwela lekgarebe lengwe le go begwang fa le setse le le kwa tlase ka dingwaga.  

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are tiragalo e, ke ya ura ya borobedi mo bosigong. Myburgh are sepodisi se ile sa bilediwa kwa ntlung nngwe, kwa ba ileng ba shupediwa setopo sa ga Sinyolo se se neng sena le dintho tsa go tlhabiwa.

“Sepodisi se ile sa bontshiwa setopo seo ke rragwe moswi. Go ile ga bidiwa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba netefatsa fa Senyolo a setse a tlhokafetse. Molatofadiwa o setse a tlhageletse makgetlho a le mabedi kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa polao,” Myburgh wa tlhalosa.

Kgabagare, lekawana le, le ile la busediwa kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile mo letsatsing la kamoso.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Longaneng o bolailwe ka go thuntsiwa


Ka OBAKENG MAJE

22 Moranang 2025- Monna wa kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, o tlhokafetse morago ga go thuntsiwa. Go begwa fa moswi, Tumisang Kodisang, ane a tsamaya le ditsala tsa gagwe mo sejanageng magareng ga motse wa Longaneng le Mothanthanyaneng mono Taung ka Lamatlhatso fa ba ne ba kgorogelwa ke banna ba le babedi ba ba itsiweng.

Go begwa fa banna bao ba kwa motseng wa Dikhuting, ba ne ba tlhasela Kodisang le go mo thuntsa. Go ya ka dipego, banna bao, ba ile ba bega fa ba tlile ba fapana le Kodisang ka mafoko mo dingwageng tse di fetileng.   

Sebueledi sa lelapa la kwa ga Kodisang eleng malomagwe moswi, Lentikile Lucas are bone jaaka lelapa, ga ba itse gore go ka tswa go diragetseng. Lucas are sepodisi se ne se etetse lelapa ka letsatsi la Tshipi.

“Jaaka lelapa tiragalo e, e re utlwisitse botlhoko. Jaanong kgetsi e butswe, mme sepodisi se ile sa goroga kwa lelapeng. Batho ba ba itseng gore go diragetseng, ke ba ba neng ba tsamaya le Tumisang, mme rona jaaka lelapa re mo kakabalong,” Lucas wa tlhalosa.     

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung ke banna ba ba sa itsiweng morago ga tiragalo e. Manyoba are banna bao, ba ile ba tsamaya morago ga go mo isa kwa bookelong.  

“Kodisang one a le mo maemong a bosisi fa a ne a amogelwa kwa bookelong. Fela, o ile a tlhokafala moragonyana. Moswi one a na le ntho ya sethunya, mme kgetsi ya polao e ile ya bulwa.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

‘Lekgarebe la kwa Cokonyane le ipolaile’


Ka REGINALD KANYANE

15 Moranang 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga dipego tsa gore lekgarebe la kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung, Ntshabiseng Kujane (25), o ipolaile ka go nwa dipidisi go feta selekano (overdose). Go begwa fa moswi a ile a letsetsa mogoloe, mme a mo lotlegela fa ene a batla go tsaya botshelo jwa gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are rragwe moswi o ile a itsisiwe, mme a tabogela kwa legaeng la moswi. Myburgh are go begwa fa rragwe moswi a ile a mo fitlhela a nwele dipilisi go feta selekano, mme a mo tabogisetsa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung go bona thuso ya potlako.

“Moswi o ile amogelwa kwa bookelong, fela ka maswabi o ile a tlhokafala ka ura ya bo supa mo mosong ka Labotlhano. Sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso, mme dipatlisiso di a tswelela,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

  

Lekgarebe la kwa Ditshilong le latofadiwa ka go latlhela lesea mo kwaring


Ka OBAKENG MAJE

9 Moranang 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga dipego tsa gore lekgarebe la kwa motseng wa Ditshilong, gaufi le Taung, le latofadiwe ka go latlhela lesea la gagwe kwa kwaring.

Go ya ka dipego, lekgarebe le, ga la itekanela sentle mo tlhogo. Go begwa fa lekgarebe le, le bonwe le ebela le mebila ya Ditshilong a sa apara a tshotse lesea, mme a itsaya ditshwantsho sa motsikinyego pele ga tiragalo e.

Bangwe ba bo maratahelele ba tlhalosa fa se se ba makaditse, gonne lekgarebe le, e ntse ele motho sentle fela o a itekanetseng.

“Rona jaaka baagi re makaditswe ke tiragalo e. Mo letsatsing la maabane, re utlwile gotwe lekgarebe le, le tswa go latlhela ngwana o monyinyane kwa kwaring. Se re se tlhaloganyang ke gore, mmagwe ke ene a sa itekanelang mo tlhaloganyong eseng ene,” mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa lekgarebe le, le amogetswe kwa bookelong jwa sedika jwa Taung go lekola seemo sa gagwe sa tlhaloganyo pele ga sepodisi se ka tsaya tshwetso ya go ka bula kgetsi ya polao kgatlhanong le ene kgotsa jang.

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba kwa Tamasikwa ba ikepetse sediba  


Ka OBAKENG MAJE 

27 Mopitlwe 2025- Baagi ba motse wa Tamasikwa, gaufi le Taung, ba re ba itumeletse go bona metsi a kgale ba a labalabela morago ga dikgwedi kgwedi. Se, se tla morago ga gore baagi ba, ba tseye tshwetso ya go katolola sediba sa bo rrabone mogolo se ba ne ba ga metsi mo go sone ka nako ya puso ya tlhaolele. 

Baagi ba tlhalositse fa tlhokego ya metsi mo motseng wa bone, ele yone e ba tlhotlheleditseng go tsaya tshwetso e. Baagi ba tlhalosistse fa go le lobaka ba ntse ba tlhoka metsi mo motseng wa bone, fela masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati o tsweletse go itshela moriti o tsididi. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Thabo Sekonyane are metsi ke tlhoba boroko kwa motseng wa bone.  Sekonyane are ba bone fa go le botlhokwa go epa sediba, gonne ba godile ba nwa metsi mo go sone. 

“Re godisitswe ke sediba se, mme madutelo a re nang le one mo motseng, re ne ra a direlwa ke puso ya Bophuthatswana. Porejeke ya metsi e tlile ka ngwaga wa 1995, mo motseng wa rona. Ene ele porojeke go tswa kwa Lefapheng la Water Supply pele ga e tla sitlhamololelwa mo pusong ya ga jaana. 

“Seo se shupa gore ene entse ele projeke e e neng e tshwanetswe ke go tlisiwa mo Tamasikwa. Go bua nnete, metsi a mantsi thata mo motseng wa rona wa Tamasikwa. Metsi a re nang le one, baagi ba Taung ba ka nwa ba be ba siela ba bangwe. Re ka fepa metse yotlhe ya Taung ele 106. Ke fela gore madutelo a rona a metsi ga a dirwa sentle,” Sekonyane wa tlhalosa.       

Sekonyane are fa madutelo a bone a ne a epilwe kwa godimo, go ka be go sena tlhokego ya metsi kwa motseng wa bone. Sekonyane are ba na le dingwaga ngwaga ba tlhoka metsi, mme masepala ga o tsiboge ka nako. 

Kgabagare, majoro wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are, jaaka masepala, ba amogela gore go na le kgwetlho ya metsi mo sedikeng. Maje are ba bone pegelo go tswa kwa setheong sa Magalies e ba laelang gore madutelo a tshwanelwang ke go neela baagi metsi kwa Tamasikwa a imelwa. 

“Re itsisitswe gore madutelo ga tlhole a kgona go neela baagi botlhe ka kakaretso metsi, mme ba tsitsintse gore go agiwe madutelo a mangwe. Jaanaong, re sentse re seka-seka kakanyo eo gore baagi ba kgone go bona metsi. 

“Re ikuela go baagi gore ba letle gore go dirwe diteko mo metsing a ba epileng, pele ga ba ka anwa,” Maje wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com