Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e boela kwa kgotlhatshekelo


Ka KEDIBONE MOLAETSI

9 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Motseothata Nelson Seoleseng, yo o kwa ntlo-lefitshwaneng, o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala.

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. Kgetsi e ne ya busediwa morago go fitlha 9 Seetebosigo 2025, fa dipaltisiso di tsweletse.   

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


OBAKENG MAJE

4 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le 18. Se, se tla morago ga gore mongwe wa balatofadiwa, Thabang Lenyai (23), a ipatlele mmueledi o mosha.

Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekanang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile ba thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong a boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore o ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene. Lenyai le ene go ne ga begwa fa a ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fela one a fetoga mme a bolelela  lekgotlha fa a batla go fetola mmueledi wa gagwe.

Katong o tlhaloseditse lekgotlha fa Mosimege le mogoloe, Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e. Go begwa fa Bakang a ile a tshepisa Lenyai mausausa a dirata a kanang ka R300 000, gore a amogele molato, fela go begwa fa a sa diragatsa tumalano eo.

Kgetsi e, e buseditswe morago go neela mmueledi o mosha wa ga Lenyai go ka seka-seka ditlankana tsa kgetsi le go ipaakanyetse tsheko.     

Kgabagare, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bo na le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le mmeteledi, Bakang Katong e boela kgotlhatshekelo  


OBAKENG MAJE

4 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong a boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore o ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene. Lenyai le ene go ne ga begwa fa a ipone molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fela one a fetoga mme a kopa lekgotlha fa a batla go fetola mmueledi wa gagwe.

Katong o tlhaloseditse lekgotlha fa Mosimege le mogoloe, Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Kgabagare, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Setopo se se bonweng kwa nokeng kwa Mocweding ke sa ga Thuto Tlhotlhomisang wa kwa Mokassa   


Ka OBAKENG MAJE

27 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se netefaditse fa setopo se se bonweng kwa thoko ga noka kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, e le sa monna wa kwa motseng wa Mokassa 2. Go begwa fa Thuto Tlhotlhomisang wa dingwaga di le 26, a ile a timela dibeke tse pedi tse di fetileng.

Fela, setopo sa gagwe se se neng se setse se senyegile, se bonwe ka Labotlhano.

Go ya ka dipego, mme mmagwe Tlhotlhomisang, one a tlogela Thuto mo ntlung fa a leba kwa kerekeng, fela one a mo fitlhela a seo mo go boweng ga gagwe. Mogoloe Thuto, Tsholofelo Tlhotlhomisang, one a ikuela go botlhe go ka ba thusa go batlana le monnawe.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago


Ka BAKANG MOKOTO

27 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le 9. Se, se tla morago ga tshalelo morago ya bopaki.

Molatofadiwa, Motseothata Nelson Seoleseng (35), o buseditswe kwa ntlolefitshwana. Seoleseng o ile a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Setopo se se senyegileng sa monna se bonwe kwa thoko ga noka


Ka OBAKENG MAJE

24 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung go begwa fa se butse kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore go bonwe setopo se se neng se setse se senyegile kwa thoko ga noka kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, mo letsatsing la maabane. Go begwa fa setopo seo, go belaelwa fa e ka tswa ele sa monna mongwe wa kwa motseng wa Mokassa 2, o go neng ga begwa fa a timetse dibeke tse pedi tse di fetileng.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo porofenseng, Colonel Adele Myburgh, ga se a tsibogele kopo ya go neelana ka dintlha mo ntlheng e, jaaka ba lekwalo-dikgang la The Guardian le ne le kopile.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go ja polony ya bana o atlholetswe dingwaga di le 18 mabapi le polao  


Ka REGINALD KANYANE

20 Motsheganong 2025- Monna wa dingwaga di le 21, wa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, o kolopetswe dingwaga di le 18 kwa ntlo-lefitshwana ke kgotlhatshekelo ya Taung. Se setla morago ga gore Thato Darlington Lekaowa a tlhabe le go bolaya malomagwe, Jonas Othusitse Lekaowa (46) ka thipa.

Sebueledi sa bosekisi (National Prosecuting Authority) sa kgaolo mo Bokone Bophirima, Sivenathi Gunya are tiragalo e, e diragetse fa Tlhakole a ne a tlhola matsatsi a le 14 ka ngwaga wa 2020. Gunya are go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko magareng ga Thato le moswi, Onthusitse.

“Go begwa fa Thato a ne a kgalemelwa ke mamalomagwe morago ga go ja polony ya bana ya sekolo. Se, se ile sa baka bosula jo botseneletseng magareng ga Thato le malomangwe. Go begwa fa Thato a ne a tlhaba malomagwe ka thiba mo mokwatleng.

“Go begwa fa Thato a ne a tsena ka lenga la seloko morago ga tiragalo. Moswi one a tabogisetswa kwa bookelong, fela one a begwa fa a setse a ragile kika mo kgorogong ya gagwe kwa bookelong. Kgetsi ya polao e ile ya bulwa kgatlhanong le Thato, mme o ile a tshwarwa,” Gunya wa tlhalosa.

Gunya are Thato one a neelwa beile. Gunya are fela Thato o ile a palelwa ke go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo, mme seo se ile sa lebisa kwa go rebolweng ga lekwalo-tshwaro kgatlhanong le ene.

“Thato o ile a tshwarwa gape, mme a dula kwa ntlo-lefitshwana go fitlhelela a atlholwa. Le fa go ile ga nna le tiego mo kgetsing e, kwa bofelong e ile ya tswelela.

“Thato one a bega fa a sena molato, fela mosekisi, Rebaona Mokgopa, o ile a neelana ka bopaki jo bo kwenneng kgatlha le ene. Gape Mokgopa, o ile a bontsha fa Thato a sa bontshe maikotlhao a tiro e a e dirileng,” Gunya wa tlhalosa.

Magistrata, Bhuti Zulu o ile a tlhalosa bomasisi jwa kgetsi e, mme a tlhalosa fa dikgotlhatshekelo di tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le ba ba molato. Zulu are bosenyi jwa mothale o, bo tlisa go sa iketla mo baaging.

Kgabagare, tlhogo ya bosekisi mo Bokone Bophirima, Dr Rachel Makhari, o akgotse babatlisisi ba kgetsi ga mmogo le bosekisi.

“Katlholo e, e tla romela molaetsa o gagametseng le go lemosa badiri ba bosenyi gore NPA e tsaya dikgato kgatlhanong le bosenyi,” Makhari wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Lokgabeng o latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe o boela kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Moswi, Boitshepo Medichane/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

13 Motsheganong 2025- Monna o latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, o tlile go boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Molatofadiwa, Simon Molale (23), one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya lekgarebe la gagwe, eleng Tshepiso Medichane.

Go begwa fa Molale a ile a tlhabakaka Medichane ka thipa, mme a le botsa phokoje kwa lefelong la tiragalo fa a bonwa ke batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Kgabagare, Molale one a ganelwa ka beile ke kgotlhatshekelo ya Taung morago ga magatwe a gore o lekile go tsaya botshelo jwa gagwe.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

12 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 31, a tlhokafale mo kotsing ya sejanaga.

Go begwa fa sejanaga sa modiro wa Polo Volkswagen le sa Citi Golf Volkswagen, di ile tsa thulana ka dinko mo tseleng e magareng ga motse wa Mokassa 2 le Lokgabeng, gaufi le Taung, mo letsatsing la Tshipi.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are moswi, Lebogang Dhlomo yo go begwang fa ele moagi wa kwa motseng wa Buxton, gaufi le Taung, o ile a gaelelwa mo sejanageng se a neng a se palame modiro Citi Golf. Van Rooyen are Dhlomo o ile a tlhokafalela kwa lefelo la tiragalo, fa bapagami ba le bararo ba ile ba tabogisetswa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, morago ga go itemogela dikgobalo.

“Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe, fela ga gona ope o tshwerweng,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi sa Taung se tlile go dira ditlhomamiso (parade) mabapi le kgetsi ya polao ya kwa Magogong


Ka OBAKENG MAJE

6 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung go begwa fa se tlile go tsweletsa ditlhomamiso ka mokgwa wa parade mo letsatsing la gompieno mo kgetsing ya polao e diragetseng kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, fa kgwedi ya Moranang ene e tlhola matsatsi a le 20.

Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 36, Tembile Duncan Motlhanke, a bolawe kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, Motlhanke o ile a ngatiwa ka tshipi ya sejanaga (wheel spanner) mo tlhogong le go tlhabiwa mo thamong. Myburgh are moswi o ile a wela kwa ntlung e rekisang nnotagi.  

“Go begwa fa rragwe moswi, a ile a mo tabogisetsa kwa bookelo jwa sedika jwa Taung ka masa a letsatsi la Tshipi go ka bona thuso ya potlako. Fela moswi o ile a tlhokafala moragonyana.

“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng mabapi le polao e, mme ga se nnete gore sepodisi se goga dinao go ka tshwarwa babelaelwa. Go fitlha ga jaana, sepodisi se botsoloditse bangwe ba ba boneng ka matlho, fela ga ba kgone go ka toba badiri ba dilo tse,” Myburgh wa tlhalosa.

Myburgh are mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le polao e, a ka letsetsa mmatlisisi mo kgetsing e, eleng Sarasanta Setlholeng Frank Morweng mo dinomorng tsa 082 469 0293.

Kgabagare, go ile ga nna le magatwe a gore babelaelwa ba tiro e, ba romeletse mongwe wa batho ba ba boneng ka matlho molaetsa wa matshosetsi, mme ba mo itsise fa bone ba dula kwa motseng wa Dikhuting, ebile ba thuntsa go utlwala. Fela, Myburgh o ganeditse ditatofatso tse, mme o tlhalositse fa sepodisi se sa amogela dingongorego dipe go tswa go mongwe wa ba ba boneng ka matlho mabapi le se.

taungdailynews@gmail.com