Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go bolaya mokapelo wa gagwe


Ka OBAKENG MAJE

26 Seetebosigo 2025- Lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, le tlhotse le atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya Taung, morago ga go ipona molato. Mmolai, Simon Molale (22), one a tshwarwa morago ga go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21) ka thipa ka ngwaga wa 2024.  

Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, Molale, one a tlhabakaka Medichane, mme a tshaba kwa lefelong la tiragalo fa a bona batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

taungdailynews@gmail.com

‘Mosetsanyana o go begwang a sa itekanela sentle o beteletswe’


Ka OBAKENG MAJE

21 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya petelelo. Se, se tla morago ga gore go begwe fa lekgarebe (15) le le sa itekanelang sentle le betelelwe kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, ka letsatsi la borre, 15 Seetebosigo 2025.

Go begwa fa lekgarebe le, ele moithuti kwa sekolong sa Sebotloane Special School mono Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba, mongwe wa lelapa la kwa gabo lekgarebe le, utlwile segajaja kwa ntlung e sa felang ya RDP, mme a tswa letsholo go ya go lebelela gore go diragalang. Manyoba are, mongwe o wa lelapa, o ile a makala thata fa a fitlhela motswasetlhabelo a apara diaparo tsa gagwe, mme a na le monna mongwe o a itsiweng kwa motseng.

“Kgetsi ya petelelo e butswe, fela sepodisi se sentse se emetse pego tsa dingaka (medical report). Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Molatofadiwa, Kabelo Mogongwa 

Ka OBAKENG MAJE

19 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha Phukwi a tlhola matsatsi a le 7, ke kgotlhatshekelo ya Taung. Kabelo Vincent Mogongwa o latofadiwa ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38).

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e eseng mo molaong. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

18 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekanyediwang go R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka botshelo jwa moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile ba thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela nnotagi.

Go begwa fa Katong a boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore o ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene. Lenyai le ene go ne ga begwa fa a ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fela one a fetoga mme a kopa lekgotlha fa a batla go fetola mmueledi wa gagwe.

Katong o tlhaloseditse lekgotlha fa Mosimege le mogoloe, Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha 26 Phatwe 2025.

Kgabagare, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Manthe e boela kgotlhatshekelo


OBAKENG MAJE

18 Seetebosigo 2025 – Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekanyediwang go R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka botshelo jwa moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile ba thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela nnotagi.

Go begwa fa Katong a boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore o ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene. Lenyai le ene go ne ga begwa fa a ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fela one a fetoga mme a kopa lekgotlha fa a batla go fetola mmueledi wa gagwe.

Katong o tlhaloseditse lekgotlha fa Mosimege le mogoloe, Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Kgabagare, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e boela kwa kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Kabelo Mogongwa o busediwa kwa ntlolefitshwana

Ka OBAKENG MAJE

17 Seetebosigo 2025- Monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, Kabelo Vincent Mogongwa, yo a latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), o tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e eseng mo molaong. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 17 Seetebosigo 2025, fa go ntse go emetswe dipholo tsa sethunya se se dirisitsweng go bolaya moswi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Ka KEDIBONE MOLAETSI

13 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung. Motseothata Nelson Seoleseng, yo o kwa ntlo-lefitshwaneng, o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala.

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. Kgetsi e ne ya busediwa morago go fitlha 9 Seetebosigo 2025, fa dipaltisiso di tsweletse.  

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e boela kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Molatofadiwa, Simon Molale 

Ka OBAKENG MAJE

10 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, Simon Molale (23) e tla boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Molale o latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, eleng Tshepiso Medichane (21).

Go begwa fa Molale a ile a tlhabakaka Medichane ka thipa, mme a le botsa phokoje kwa lefelong la tiragalo fa a bonwa ke batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Kgabagare, Molale one a ganelwa ka beile ke kgotlhatshekelo ya Taung morago ga magatwe a gore o lekile go tsaya botshelo jwa gagwe.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago


KEDIBONE MOLAETSI

9 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga gore mosekisi mo kgetsi e, a se tlhagelele kwa kgotlhatshekelo ka ntlheng ya go lwala.

Motseothata Nelson Seoleseng, yo o kwa ntlo-lefitshwaneng, o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala.

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Phukwi e tlhola matsatsi a le supa.    

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Picong o teketilwe le go shupiwa ka sethunya


Ka OBAKENG MAJE

9 Seetebosigo 2025- Monna wa kwa motseng wa Picong, gaufi le Taung, go begwa fa a teketilwe ke banna ba ba itsiweng mo letsatsing la Lamatlhatso. Go begwa fa monna o, a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le babelaelwa eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore babelaelwa ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com