Monna o latofadiwang ka go teketa le go shupa ka sethunya o solofetswe go dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

29 Phukwi 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e tla boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno, mme o solofetswe go dira kopo ya beile. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa ga bedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa one a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.   

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go tekete le go shupa ka sethunya o dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

22 Phukwi 2025- Monna wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, o solofetswe go dira kopo ya beile kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga gore a latofadiwe ka go teketa le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke molatofadiwa, Korononea Jerimia Modise (34) ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa Modise, a ile a thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le babelaelwa eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore babelaelwa ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Setopo sa monna se ntshitswe kwa nokeng


Ka BAKANG MOKOTO

21 Phukwi 2025- Setopo sa ga Pabalelo Fititi Chapman (19) se se neng se setse se senyega, se bonwe kwa molapong kwa motseng wa Mokassa, gaufi le Taung, mo letsatsing la Labotlhano. Go begwa fa Chapman a ne a timela fa kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le 29.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are mongwe wa losika o a neng a adimile moswi baki, one a e bona kwa thoko ga ditshitshi tsa noka. Tselanyane are sepodisi se ile sa itsisiwe, mme ba leba kwa nokeng eo.

“Sepodisi se ile sa bona setopo sa moswi se kaola-kaola mo godimo ga metsi. Ba lephata la sepodisi se se sapang ba ile ba bidiwa, mme ba ntsha setopo seo sa ga Chapman mo metsing. Moswi o ile a netefadiwa ke ba losika fa ele Chapman, mme sebakwa sa loso se tla itsisiwe morago ga diteko tsa loso.

“Go fitlha ga jaana, dipatlisiso di tsweletse,” Tselanyane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

17 Phukwi 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha fa Phukwi a tlhola matsatsi a le 22. Se, ke go letla molatofadiwa go tsenya kopo ya beile.

Modise o buseditsweng kwa ntlou-lefitshwana, o tlhotse a shadikantse matlho fa pele ga magistrata kwa kgotlhatshekelo ya Taung, mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga.

Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Dikhuting o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go teketa le go shupa ka sethunya


Ka OBAKENG MAJE

17 Phukwi 2025- Monna wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga gore a latofatswe ka go teketa le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke mmelaelwa ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa monna o, a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le babelaelwa eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore babelaelwa ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go betelela lekgarebe la kwa Lokgabeng o golotswe


Ka OBAKENG MAJE

15 Phukwi 2025- Monna o neng a latofadiwa ka go betelela lekgarebe la dingwaga di le 16 la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, o golotswe. Se, se tla morago ga gore bosekisi bo shupe fa bopaki kgatlhanong le monna o bo sa nonofela kgetsi.

Go begwa fa se, sebakilwe ke bopaki jo bo tlhakatlhakaneng go tswa go dipaki ga mmogo le lekgarebe le. Go begwa fa dipaki di boleletse mmatlisisi wa kgetsi fa ba ne ba na le motswasetlhabelo kwa ntlung fa ba ne ba iphanya ka nnotagi, mme ba bega fa ba ise ba tsamaye ba ye kwa ntlung e rekisang nnotagi kwa 2BOB.

Fela o mongwe wa dipaki go begwa fa a tlhalositse gore ke nnete ba ne ba ya kwa 2BOB, fela o bone motswasetlhabelo a na le monna mongwe o a sa itsiweng kwa morago ga tavern.

Kgetsi ya petelelo ene ya bulwa morago ga dipego tsa gore lekgarebe le ga mmogo le ditsala tsa gagwe, ba ne ba ya kwa lefelong le le rekisang bojalwa la 2BoB ka ura ya bo lesome bosigo ka Lamatlhatso. Go begwa fa ba ile ba fitlha ba iphanya ka nnotagi, fela e ne ya re lekgarebe le le utlwa ekare o bo tshetse go utlwala, one a kopa ditsala tsa gagwe gore ba tsamaye.

Go ya ka dipego, ditsala tsa gagwe di ile tsa gana, mme ba mo kaela fa ba setse ba itisitse. Go begwa fa lekgarebe le, le ne la ipeta pelo fela, mme la wela mo tseleng.

Go begwa fa le ne le tla le lebile kwa gagabo, le ne la kopana le mosadimogolo. Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a mo botsa gore ke mang, mme gobaneng a tsamaya a le nosi bosigo?

Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlhalosetsa mosadimogolo fa ele setlogolo sa kwa ga Maine. Go begwa ga mosadimogolo a ile a mo tlhalosetsa fa rragwemogolo Maine ele ntsalae, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene a ye go robala kwa gagagwe, gonne go le bosigo o ka tlogana a tlhaselwa ke dilalome.

Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a tlhalosetsa lekgarebe le fa a sa bone tsela sentle, mme ba tsamaya go ya kwa legaeng la gagwe. Go begwa fa go fitlheng ga bone, mosadimogolo o ne a mo laela gore a robale mo phaphosing ya mmelaelwa wa dingwaga di le 33.

Go begwa fa ka nako eo, mmelaelwa a ne a seo, mme lekgarebe le, le ile la robala.

Go ya dipego, mmelaelwa o ile a fitlha moragonyana, mme a fitlhela lekgarebe le, le robetse mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa lekgarebe le le ile la tsoga magareng ga ura ya borobongwe le lesome mo mosong, mme a tsosiwa ke go utlwa gore go na le motho o mo betelelang.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a botsa mongongoregi gore ele gore ene ke mang, ebile o fitlhile jang mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa mmelaelwa a ile a bolelela mongongoregi gore a se ise pelo mafisa, gonne ke mosadi wa gagwe.

Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlola mo godimo ga bolao, mme apara borokgwe jwa gagwe jwa mogare (panties) ga mmogo le borokgwe jwa gagwe jwa jeans, mme a se hopha selelo.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tswela kwa ntle, mme a itsise mosadimogolo fa lekgarebe le, le lela fela ga itse gore o lelela eng. Go begwa fa mmelaelwa a ile a latela lekgarebe le mo ntlung, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene go ya go bolelela mosadimogolo gore o lelela eng.

Go begwa fa mosadimogolo a ile a laela mmelaela gore a ise lekgarebe le kwa gagabo, fela lekgarebe le ile la gana. Go begwa fa mosadimogolo a ile a neela lekgarebe le madi a kanang ka R100 gore a pagame tekesi go ya gae kgotsa a bone gore o tla dira eng ka madi ao.

Go begwa ka lekgarebe le, le ile la tsamaya ka bokukuntshwane kwa legaeng la mosadimogolo. Go ya ka dipego, lekgarebe le, le le neng le tlhapile ka dikeledi, le ile la kopana le mme mongwe mo tseleng.

Go begwa fa mme o, a ile a mo botsa gore o lelela eng, mme o ile a mo lotlegela ka se se mo diragaletseng. Mme o, go begwa fa a ile a leba kwa gagagwe le lekgarebe le, mme a fitlha a roma ngwana wa gagwe go ya go reka airtime gore motswasetlhabelo a letsetse batsadi ba gagwe.

Go begwa fa mme o, a ile a letsetsa mmagwe ngwana. Go begwa fa mmagwe ngwana a ile a ya go tsaya ngwana wa gagwe, mme kgetsi ya petelelo e ile ya bulwa.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tshwarwa ka Labobedi, mme o ile a tlhagelela kwa kgotlhatshekelo, mme kgetsi kgatlhanong le ene e ile ya tshololwa nakwana.

taungdailynews@gmail.com

Mosetsanyana wa dingwaga di le 16 o beteletswe


Ka OBAKENG MAJE

10 Phukwi 2025- Lekgarebe la dingwaga di le 16 la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, le beteletswe. Go begwa fa lekgarebe le ga mlogo le ditsala tsa gagwe, ba ne ba ya kwa lefelong le le rekisang bojalwa la 2BoB ka ura ya bo lesome bosigo ka Lamatlhatso. Go begwa fa ba ile ba fitlha ba iphanya ka nnotagi, fela ene ya re lekgarebe le, le utlwa ekare o bo tshetse go utlwala, a ne a kopa ditsala tsa gagwe gore ba tsamaye.

Go ya ka dipego, ditsala tsa gagwe di ile tsa gana, mme ba mo kaela fa ba setse ba itisitse. Go begwa fa lekgarebe le, le ne la ipeta pelo fela, mme la wela mo tseleng. Go begwa fa le tla le lebile kwa gagabo, le ne la kopana le mosadimogolo.

Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a mo botsa gore ke mang, mme gobaneng a tsamaya a le nosi bosigo? Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlhalosetsa mosadimogolo fa ele setlogolo sa kwa ga Maine. Go begwa ga mosadimogolo a ile a mo tlhalosetsa fa rragwemogolo Maine ele ntsalae, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene a ye go robala kwa gagagwe, gonne go le bosigo o ka tlogana a tlhaselwa ke dilalome.

Go begwa fa mosadimogolo o, a ile a tlhalosetsa lekgarebe le fa a sa bone tsela sentle, mme ba tsamaya go ya kwa legaeng la gagwe. Go begwa fa go fitlheng ga bone, mosadimogolo o ne a mo laela gore a robale mo phaphosing ya mmelaelwa wa dingwaga di le 33. Go begwa fa ka nako eo, mmelaelwa a ne a seo, mme lekgarebe le, le ile la robala.

Go ya dipego, mmelaelwa o ile a fitlha moragonyana, mme a fitlhela lekgarebe le, le robetse mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa lekgarebe le le ile la tsoga magareng ga ura ya borobongwe le lesome mo mosong, mme a tsosiwa ke go utlwa gore go na le motho o mo betelelang.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a botsa mongongoregi gore ele gore ene ke mang, ebile o fitlhile jang mo bolaong jwa gagwe. Go begwa fa mmelaelwa a ile a bolelela mongongoregi gore a se ise pelo mafisa, gonne ke mosadi wa gagwe. Go begwa fa lekgarebe le, le ile la tlola mo godimo ga bolao, mme apara borokgwe jwa gagwe jwa mogare (panties) ga mmogo le borokgwe jwa gagwe jwa jeans, mme a se hopha selelo.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tswela kwa ntle, mme a itsise mosadimogolo fa lekgarebe le, le lela fela ga itse gore o lelela eng. Go begwa fa mmelaelwa a ile a latela lekgarebe le mo ntlung, mme a mo kopa gore a tsamaye le ene go ya go bolelela mosadimogolo gore o lelela eng.

Go begwa fa mosadimogolo a ile a laela mmelaela gore a ise lekgarebe le kwa gagabo, fela lekgarebe le ile la gana. Go begwa fa mosadimogolo a ile a neela lekgarebe le madi a kanang ka R100 gore a pagame tekesi go ya gae kgotsa a bone gore o tla dira eng ka madi ao.

Go begwa ka lekgarebe le, le ile la tsamaya ka bokukuntshwane kwa legaeng la mosadimogolo. Go ya ka dipego, lekgarebe le, le le neng le tlhapile ka dikeledi, le ile la kopana le mme mongwe mo tseleng.

Go begwa fa mme o, a ile a mo botsa gore o lelela eng, mme o ile a mo lotlegela ka se se mo diragaletseng. Mme o, go begwa fa a ile a leba kwa gagagwe le lekgarebe le, mme a fitlha a roma ngwana wa gagwe go ya go reka airtime gore motswasetlhabelo a letsetse batsadi ba gagwe.

Go begwa fa mme o, a ile a letsetsa mmagwe ngwana. Go begwa fa mmagwe ngwana a ile a ya go tsaya ngwana wa gagwe, mme kgetsi ya petelelo e ile ya bulwa.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tshwarwa ka Labobedi, mme o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mo letsatsing la gompieno mabapi le petelelo.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Khibitswane e buseditswe morago


Ka BAKANG MOKOTO

19 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha Phukwi a tlhola matsatsi a le 23, ke kgotlhatshekelo ya Taung. Kabelo Vincent Mogongwa o latofadiwa ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38).

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e lekwalo-tetla la yone le fedile. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

7 Phukwi 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le molatofadiwa, Motseothata Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha fa Phukwi a tlhola matsatsi a le 29. Se, se tla morago ga gore mongwe wa dipaki mo kgetsing e, Tshotlego Seoleseng, a se iponatse makgetlhonyana kwa kgotlhatshekelo.

Go begwa fa kgotlhatshekelo e ntshitse lekwalo-tshwaro kgatlhanong le Tshotlhego mabapi le go sa iponatse kwa kgotlhatshekelo fa a tlhokega. Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa, Tshotlhego, a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Monna o ikgwageditse kwa Rooiwal


Ka OBAKENG MAJE

7 Phukwi 2025- Monna wa dingwaga di le 28 wa kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, o ikgwageditse. Go begwa fa sepodisi sa kwa Taung se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo ka letsatsi la Tshipi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are moswi, Xolani Raaf o fitlhetswe a ikgwageditse. Van Rooyen are ga ba belaele fa go ka tswa gona le letsogo la tshwene mo kgannyeng e.

taungdailynews@gmail.com