Setlhopa sa Lovely Movers se ikgapetse R24 000 


Ka OBAKENG MAJE 

13 August 2025- Barati ba kgwele ya dinao go ralala Taung, ba itumeletse lobebe lwa kgwele ya dinao le le neng le tshamikiwa kwa Women’s Day Top 8 Tournament kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, mo mafelong a beke. Ditlhopa di le dintsi di ne di ntshitse ga tshwene, fela setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, se ile sa fetoga bafenyi ba tonamente morago ga go ruta setlhopa sa Mighty Boys FC kwa diphala di nwang metsi gone. 

Setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, se fentse setlhopa sa Mighty Boys FC ka nno e le nngwe go lefela. 

Mokatisi wa setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC, Jacob Tshilo are motsameko wa bone kgatlhanong le setlhopa sa Mighty Boys FC, e ne ele o tsitsibanyang mmele. Tshilo are motshameko one o bulegile, mme seo se ba file tshono ya go tsenya kgatelelo. 

“Re tshamikile kgatlhanong le setlhopa se se popota. Fela le rona re ne re eme pudi matsheba. Re tshamekile le ditlhopa tse di di phatsa, mme ene ya re fa re fetsa go di fenya, ke fa re lemoga gore re na le tshono ya go ikgapela sejana. 

“Fela re kopane le setlhopa se se popota eleng sa Mighty Boys FC. Gape, ke itumeletse go bona matshetshe a kgwele ya dinao. Re ikuela go ditlhopa tse dikgolo go tla go lebelela lobebe la kgwele ya dinao, le go lebelela bokgoni jo batshamiki ba rona ba nang le bone,” Tshilo wa tlhalosa.  

Mokatisi wa setlhopa sa Mighty Boys FC, Sifiso Nukeri are: “Batshameki ba rona ba ile ba palelwa ke go tsepanya mogopolo mo go se ba se dirang. Gape, puisano ya bone e ne e se e e edileng kwa morago. 

“Batshamiki ba rona kwa morago ba ne ba sa ele tlhoko batshamiki ba setlhopa se re neng re tshameka le sone. Ke ka moo re ileng ra nosiwa nno.” 

Fela Nukeri are ba tla dira botokwa mo nakong e e tlang. 

Mongwe wa barulaganyi ba tonamente e, Charlie Ramonnye, are ba itumetse thata gore ba be ba rulagantse tonamente e, mme ba e lebisitse go bomme botlhe. Ramonnye are go le gantsi bomme ba shotlakakiwa ka mekgwa e farologaneng. 

“Jaanong re rulagantse tonamente e, go ka ema nokeng ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bomme le bana. Re gopola bomme ba ba ileng ba ipetsa sehuba, mme ba ema kgatlhanong le tshotlakako ya bomme. 

“Seemo sa kgwele ya dinao se ne sele kwa godimo thata, mme le barati ba kgwele ya dinao le bone ba bone matshetshe,” Ramonnye wa tlhalosa. 

Kgabagare setlhopa sa Modimong Lovely Movers FC se ikgapetse madi a lekanyediwang go R24 000 ga mmogo le dimetale tsa gauta, sejana le kits, fa setlhopa sa Mighty Boys FC ba iponetse madi a lekanyediwang go R10 000 ga mmogo le dimetale tsa selefera le kits. 

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e buseditswe morago 


Ka OBAKENG MAJE

13 Phatwe 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha ka di 8 Lwetse 2025. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Motshini o ntshang madi o phatlhotswe ka bomo


Ka OBAKENG MAJE

11 August 2025- Motshini o ntshang madi (ATM) o phatlhotswe ka bomo kwa lebenkeleng la ga NJ Smits kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, ka masa a letsatsi la Tshipi. Go begwa fa banna ba le bararo, ba ne ba kgorogela badiri ba le babedi ba ba neng ba le mo teng ga lebenkele, mme ba ba kopa gore ba bule.

Fela go begwa badiri ba, ba ne ba latola nnyaa ya banyana. Go begwa fa banna ba bararo ba, ba ile ba ikadima kgoro, mme ba e roba.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, dipego di shupa fa badiri ba, ba ile ba tobetsa alarm le go itsise mong wa lebenkele ka tiragalo e. Van Rooyen are badiri ba, ba ile ba tlhanola direthe fa ba lemoga gore banna ba bararo ba, ba kgonne go roba kgoro ya lebenkele le go tsena mo teng.

“Go begwa fa mong wa lebenkele a ile a letsetsa sepodisi. Fela banna ba bararo ba, ba ile ba tsaya motsoko o lekanyediwang go R10 000 ga mmogo le madi a seatleng a go sa itsiweng palo ya one morago ga go phatlhola motshini o ntshang madi.

“Go begwa fa banna ba le bararo ba, ba ile ba tsena ka lenga la seloko morago ga tiragalo e. Sepodisi se ile sa goroga kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela fa tshenyo e setse e diragetse,” van Rooyen wa tlhalosa.

Van Rooyen are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse. Van Rooyen are ba ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e go ka letsetsa sepodisi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

11 Phatwe 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Kopo ya beile mo kgetsing ya go teketa le go shupa ka sethunya e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

5 Phatwe 2025- Kopo ya beile mo kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 11 Phatwe 2025. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

5 Phatwe 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mo letsatsing la gompieno, Modise o solofetswe go dira kopo ya beile.

Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa ga bedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng. 

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung


Ka KEDIBONE MOLAETSI 

4 Phatwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa molatofadiwa, Kabelo Vincent Mogongwa, a bolaile lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), ka go mo thuntsha ka sethunya se laesense ya teng e e fitilweng ke nako.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tse. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha. Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go ka shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Dipatlisiso di a tswelela mo kgetsing eno.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

1 Phatwe 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e tla boela kgotlhatshekelo ya Taung fa kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 5. Ka letsatsi leo, Modise o solofetswe go dira kopo ya beile.

Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa ga bedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.  

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Kabelo Mogongwa o busediwa kwa ntlolefitshwana

Ka KEDIBONE MOLAETSI  

31 Phukwi 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, Kabelo Vincent Mogongwa, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 4 ke kgotlhatshekelo ya Taung. Mogongwa o latofadiwa ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), le go tshola sethunya se laesense ya teng e fitilweng ke nako.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e eseng mo molaong. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go ka shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 4 Phatwe fa dipatlisiso di tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka polao o boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

30 Phukwi 2025- Monna o latofadiwang ka polao, Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, o boela kgotlhatshekelo. Seoleseng o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala. 

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.  

taungdailynews@gmail.com