Kgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le Kaalpens di buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

28 Phatwe 2025- Kgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, eleng Thato Gaobuse, mme a itsege thata ka leina la Kaalpens, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Lwetse a tlhola matsatsi a le 4.

Kaalpens o ile a tshwarwa ka Labobedi mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le Kaalpens ke tsefe le gore di diragetse kae. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.

Kgabagare, Kaalpens o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go shupa ka sethunya ya kwa Longaneng e buseditswe morago


Ka REGINALD KANYANE

28 Phatwe 2025- Kgetsi ya go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa motswakwa, Raji Mohamed Ibro (43) yo e leng moagi wa naga ya kwa Ethiopia, ebile a na le lebenkele kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, e o buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha Lwetse a tlhola matsatsi a le 4.

Ibro one a tshwarwa le go latofadiwa ka go shupa ka sethunya le go thuntsha. Go begwa fa Ibro a ile a tshosetsa moagi wa kwa Longaneng, Sello Stephen Kokamo (43) ka sethunya le go thuntsa mo moyeng.

Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga banna ba babedi ba. Ibro o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Magogong e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

28 Phatwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha 29 Lwetse 2025. Molatofadiwa, Kagiso Starzen Thipe, o tlhotse a rototse matlho fa pele ga magistrata kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mosadimogolo, Masechaba James (71).  

Go begwa fa Thipe a ile a kgemetha le go bolaya James ka garawe ka Labobedi morago ga tlhatlharuane magareng ga bobedi jo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa Thipe a ne a tlhagola fa moswi a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga bobedi jo, mme Thipe a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ene o lebagane le kgetsi ya polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, Thipe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa motswakwa o tshwerwe le go latofadiwa ka go tshosetsa ka sethunya


Ka REGINALD KANYANE

28 Phatwe 2025- Mong wa lebenkele wa motswakwa kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya le go thuntsha.

Go begwa fa monna o wa dingwaga di le 43, a latofadiwa ka go tshosetsa Sello Stephen Kokamo (43) ka sethunya le go thuntsa mo moyeng.

Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga banna ba babedi ba.

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi se batlisisa kgetsi ya maiteko a kgothoso le tshenyo ya dithoto ya kwa Maphoitsile


Ka OBAKENG MAJE

28 Phatwe 2025- Sepodisi mono Taung se tlhalositse fa se batlisisa dikgetsi di le pedi. Sepodisi se batlisisa kgetsi ya maiteko a kgothoso o tlhometse le kgetsi ya tshenyo ya dithoto.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, e diragetse kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, mo bosigong jwa Labobedi. Mokgwabone are banna ba ba neng ba rwele dithiba nko le molomo (balaclavas), ba ile ba kgorogela mong wa lebenkele wa dingwaga di le 29, mme ba thuba motshini wa kgwebo (gambling machine) mme ba tsaya madi a mo teng.

“Ba ile ba fetela kwa lebenkeleng le lengwe la mong wa dingaga di le 40, kwa ba fitlhileng ba thuntsa teng. Fela, ba ile ba tswa ka nngopo e sa fotlhwa. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

“Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetse mabapi le dikgothoso tse go ka letsetsa seteishene sa sepodisi se se gaufi,” Mokgwabone.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Magogong o tshwerwe morago ga go latofadiwa ka go bolaya mosadimogolo ka garawe


Ka OBAKENG MAJE

27 Phatwe 2025- Monna wa dingwaga di le 33 o solofetse go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso mabapi le polao. Go begwa fa monna o, a ile a bolaya mosadimogolo wa dingwaga di le 77 wa kwa kgaolong ya Dipitsing kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, ka garawe mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mmelaelwa a ne a tlhagola fa moswi, Masechaba James a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bobedi jo, mme mmelaelwa a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Ene o lebagane le ditatofatso tsa polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa Manthe e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

26 Phatwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e tlhotse e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno go fitlha di 10 Sedimonthole 2025. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong a boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore o ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene. Lenyai le ene go ne ga begwa fa a ipone molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fela one a fetoga mme a kopa lekgotlha fa a batla go fetola mmueledi wa gagwe.

Katong o tlhaloseditse lekgotlha fa Mosimege le mogoloe, Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Kgabagare, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Maphoitsile o tshwerwe mabapi le dikgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya


Ka OBAKENG MAJE

26 Phatwe 2025- Monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, o tshwerwe mo letsatsing la gompieno mabapi le dikgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le mmelaelwa ke tsefe le gore o tlile go tlhagelela leng kwa kgotlhatshekelo. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.

taungdailynews@gmail.com

Letsema la ANC le thusa bagodi kwa Itireleng


Ka OBAKENG MAJE

26 Phatwe 2025- Ba lelapa la ga Motlogelwa kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Taung, ba lebogile maloko otlhe a lekoko la ANC ba ba ileng ba tsaya karolo mo go ba rekeleng dilwana tsa mo ntlung le go ba phephafaletsa. Se se tla morago ga gore maloko a ANC ga mmogo le baagi, ba tsweletse letsema le go thusa lelapa le.

Mosadimogolo Maria ga mmogo le monna wa gagwe, Benny Motlogelwa ba ba dingwaga tse di kwa godimo ga 70, mme ba sa itsholela, ba dula mo mokhukhung wa phaphosi e le nngwe. Maloko a lekoko la ANC ga mmogo le baagi, ba ile ba ipopa ngatana e le nngwe, mme ba reka setofo, diaparo, bolao le disamente tsa go tshela mokhukhung wa bone mo fatshe.     

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Witness Jakwe are ba lebogela kemo-nokeng e ba e boneng go tswa go maloko a ANC le baagi. Jakwe are ba lelapa le, kgale ba tshelela mo tshotlegong, mme o solofela fa dithuso tse ba di boneng di tla tlisa pharologanyo le go tokafatsa matshelo a bone.

“Re tlhotse re semeletse ka letsema morago ga gore re bone seemo se se sa itekanelang kwa lelapeng la ga Motlogelwa. Re ile ra bua le mmusa-kgotlha kwa kgorwaneng ya rona ka seemo seo, mme o ile a fetisetsa kgang eo kwa pele.

“Re ne re na le mokhuduthamaga wa Lefapha la Katlatlelo-Loago mono Bokone Bophirima, Sussana Dantjie. Go botsha fa lefapha leo le ile la tsiboga ka bonako. Jaanong, re leboga gape le baagi ba ba ileng ba tsaya karolo mo letsemeng le,” Jakwe wa tlhalosa.

Jakwe are ba ile ba phephafatsa le go tlhatswetsa bagodi ba. Jakwe are ba lebogela matsapa a baagi le maloko a lekoko la ANC a ba a tshotseng go dira pharologano.

“Se, se bontsha gore ra ba kgathalela. Bagolo ba neetswe dilwana jaaka setofo sa go apaya, diaparo, bolao le television. Re leboga matsapa otlhe, mme re rotloetsa baagi go tshwaragana le go tsweletsa letsema le kwa mafelong a mangwe.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

22 August 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le molatofadiwa, Motseothata Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha 9 Lwetse 2025. Go begwa fa kgotlhatshekelo e ntshitse lekwalo-tshwaro kgatlhanong le Tshotlhego mabapi le go sa iponatse kwa kgotlhatshekelo fa a tlhokega.

Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa, Tshotlhego, a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com