Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Magogong e buseditswe morago


Setshwantsho- Monna o latofadiwa ka go bolaya mosadimogolo ka garawe

Ka OBAKENG MAJE

30 Lwetse 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha 13 Di[halane 2025. Molatofadiwa, Kagiso Starzen Thipe, o letse a rototse matlho fa pele ga magistrata kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mosadimogolo, Masechaba James (71). 

Go begwa fa Thipe a ile a kgemetha le go bolaya James ka garawe ka Labobedi morago ga tlhatlharuane magareng ga bobedi jo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa Thipe a ne a tlhagola fa moswi a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga bobedi jo, mme Thipe a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ene o lebagane le kgetsi ya polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, Thipe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Dryharts o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao


Ka OBAKENG MAJE

25 Lwetse 2025- Monna wa kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelelwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung morago ga gore a tshwarwe mabapi le polao. Go begwa fa monna o, a ile a tlhaba banna ba le babedi ka thipa ka Labobedi morago ga kgakgauthano.

Go begwa fa mmelaelwa a tlhabile le go bolaya Tlotlego Mangwekea le go gobatsa Maswe Maqandela. Go begwa fa mmelaelwa a latofatsa moswi, Mangwekea le Maqandela ka go mo utswetsa ditlhako tsa carvela ga mmogo le hubbly. Go begwa fa ntwa magareng ga banna ba le mmelaelwa e ne ya diragala kwa lebenkeleng la batswa-kwa.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tshwarwa ke batlhankela ba sepodisi morago ga tiragalo. Maqandela o ile a amogelwa kwa bookelong jwa Taung ka dikgobalo tse di masisi.

taungdailynews@gmail.com

Go utswitswe di laptops kwa sekolong sa Reivilo


Ka OBAKENG MAJE 

10 Lwetse 2025- Sepodisi kwa motsesetoropong wa Reivilo, gaufi le Taung, se batlisisa kgetsi ya go tshwara poo. Se, se tla morago ga gore go utswiwe di laptop ga mmogo le dilwana kwa sekolong se segolwane sa Reivilo. 

Go begwa fa banna ba ba sa itsiweng, ba ile ba kgorogela batlhankedi ba tshireletso kwa sekolong fa masigo a Labobedi asa, mme ba ba bofa matsogo. Go begwa fa banna ba, ba ile ba tsena ka kgang kwa kantorong nngwe kwa sekolong, mme ba bula polokelo. 

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are banna ba, ba ile ba utswa di laptops ga mmogo le dilo dingwe. Mokgwabone are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. 

“Fela kgetsi e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse. Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e, go ka letsetsa sepodisi mo 08600 10111,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, Vuyo Motsule o tlhalositse fa a ka arabela dipotso go tswa kwa The Guardian Newspaper morago ga kopano, mme ga ise a dire jalo. 

taungdailynews@gmail.com

Setheo se eseng sa puso se thusa basha 


Ka OBAKENG MAJE 

9 Lwetse 2025- Bangwe ba baagi kwa motseng wa Molelema, gaufi le Taung, ba re ba itumelela dithuso tse ba di boning go ntswa kwa setheong se eseng sa puso sa Baga Maidi Arts Centre. Setheo se, se tsweleditse letsema la go phephafatsa dikolo tse di farologaneng kwa motseng o. 

Go ya ka motsamaisi wa setheo, Onkarabetse Aleta Moleleki, ba dira gape ka matsogo jaaka go loga le tse dingwe. Moleleki are ba ikuela go puso go ka ba neela kemo-nokeng e ba e tlhokang jaaka go ba rekela dilwana tse ba tla di dirisang go tsweletsa ditiro tsa bone tsa matsogo. 

“Rona re lesome ka palo, mme re ile ra fetsa beke re phephafatsa sekolo sa Selekeng. Bagolo ba ile ba tlhagola, go haraka le go phephafatsa jarata ya sekolo gore go nne gontle. Beke enngwe re ile ra ya kwa sekolong se se potlana sa Molelema, mme le gone re dirile fela jalo. Re ile ra leba gape kwa sekolong sa Letlhogile kwa le gone re ileng ra phephafatsa. 

“Re ile ra ya kwa kgosing le kwa kgotlheng, mme koo re ile ra nna letsatsi lotlhe re phephafatsa. Ka letsatsi la Laboraro, re loga sengwe le sengwe se se diriwang ka ulu jaaka ditlhoro, dimmetshe le dilo tse dingwe. Re na le motshini o le mongwe fela, mme re ka itumelela fa re tla neelwa o mongwe. Gape re na le motaki mo setheo sa rona, mme le ene o dira tiro e e tswileng matsogo,” Moleleki wa tlhalosa. 

Moleleki are mo setheong sa bona, ba na le setlhopha sa bana sa mmino wa setso, ga mmogo le baboki. Moleleki are fa sekolo se tswile, ba thusa bana ditiro-gae (homeworks) tsa bone. Moleleki are o na le go apeela bana ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang. 

“Re rotloetsa basha ba le bantsi go tsaya thuto ya bone  tsia. Re ba ruta thata ka tsa botshelo, gonne ra itse gore letlhaku le lesha le agelelwa mo go la kgale. Jaanong go botlhokwa gore ba ithute go tswa go bo tlhogo-putswa gore malepa a botshelo a tsamaya jang. 

“Jaanong, re ne re ikuela go puso ya rona go ka re fa tshegetso gore setheo sa rona se gole,” Moleleki wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go shupa ka sethunya e buseditswe morago 


Ka OBAKENG MAJE

9 Lwetse 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha di 9 Diphalane 2025. Modise o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana. 

Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga.

Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise

Ka OBAKENG MAJE

8 Lwetse 2025- Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Modise o solofetswe go dira kopo ya go gololwa ka beile.

Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga.

Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go shupa ka sethunya e buseditswe morago


Ka BAKANG MOKOTO

5 Lwetse 2025- Kgetsi ya go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa motswakwa, Raji Mohamed Ibro (43) yo e leng moagi wa naga ya kwa Ethiopia, ebile a na le lebenkele kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha Lwetse a le matsatsi a le 9.

Ibro one a tshwarwa le go latofadiwa ka go shupa ka sethunya le go thuntsha. Go begwa fa Ibro a ile a tshosetsa moagi wa kwa Longaneng, Sello Stephen Kokamo (43) ka sethunya le go thuntsa mo moyeng.

Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga banna ba babedi ba. Ibro o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Dikgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le Kaalpens di buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

5 Lwetse 2025- Dikgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, eleng Thato Gaobuse, mme a itsege thata ka leina la Kaalpens, di buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Lwetse a tlhola matsatsi a le 11.

Kaalpens o ile a tshwarwa ka Labobedi wa beke e e fetileng mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le Kaalpens ke tsefe le gore di diragetse kae. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.

Kgabagare, Kaalpens o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Ka REGINALD KANYANE

4 Lwetse 2025- Kgetsi ya go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa motswakwa, Raji Mohamed Ibro (43) yo e leng moagi wa naga ya kwa Ethiopia, ebile a na le lebenkele kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, e solofetswe go boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Ibro one a tshwarwa le go latofadiwa ka go shupa ka sethunya le go thuntsha. Go begwa fa Ibro a ile a tshosetsa moagi wa kwa Longaneng, Sello Stephen Kokamo (43) ka sethunya le go thuntsa mo moyeng.

Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga banna ba babedi ba. Ibro o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Kaalpens o soloftswe go dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

4 Lwetse 2025- Kgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, eleng Thato Gaobuse, mme a itsege thata ka leina la Kaalpens, e solofetswe go boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Kaalpens o ile a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le Kaalpens ke tsefe le gore di diragetse kae. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.

Kgabagare, Kaalpens one a busediwa kwa ntlolefitshwana, mme o solofetse go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com