Moithuti o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

27 Diphalane 2025- Moithuti wa dingwaga di le 19 wa kwa sekolong se segolwane sa Mamutla kwa Kameelpuits, gaufi le Taung, o tlhakafetse mo kotsing ya sejanaga. Go begwa fa moithuti o, Gaopalelwe Seitshiro, a ne a tsamaya ka maoto go ya sekolong fa a ne a ka thulwa ke tekesi e eneng e pegile baithuti ba bangwe go ya sekolong mo letsatsing la gompieno.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa mokgweetsi wa tekesi e neng e kgweetsa magareng ga motse wa Losasaneng le Madithamaga, a ne a sega sejanaga se sengwe tsebe fa a ne a ka thula moithuti o. Van Rooyen are moithuti o, o ile a bona dikgobalo tse di masisi.

“Go begwa fa moithuti o, a ile a tlhokafala. Ga gona bapagami bape ba ba itemogetseng dikgobalo, fela ba ile ba isiwa kwa kliniking ya kwa Sekhing go ka retibadiwa maikutlo (trauma counselling). Dipatlisiso di tsweletse mabapi le kotsi e,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana e, Itumeleng Maribe yo o neng a le kwa lefelong la tiragalo, are tsela e ya D201, e tsweletse go ka aparelwa ke dikotsi. Maribe are dikotsi tse, dibakiwa ke ditlhare tse dintsi-ntsi tse di tletseng mo tseleng.

“Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba ga mmogo le Ditsela mono Bokone Bophirima go ntsha ditlhare tseo. Re ile ra buisana le lefapha, mme re kopile gore le fokotse ditlhare tse dintsi-tsi tse di tletseng mo tseleng.

“Se sengwe ke gore tsela e e tswang kwa motseng wa Madithamaga go ya Kgomotso, ga ena dihampa (speed humps) tse di rebang lebelo. Jaanong, ke maikarabelo a Lefapha la Dithoto tsa Setshaba le Ditsela mono Bokone Bophirima go netefatsa fa go nna le dihampa tse di fokotsang lobelo mo tseleng e,” Maribe wa tlhalosa.

Maribe are a go tshwanetswe gore go nne le dikotsi, mme batho ba latlhegelwe ke matshelo pele ga lefapha le ka tsiboga? Maribe are baagi ba ile ba buisana le ene gore ba ithaope go fokotsa ditlhare tse di mo tseleng, gonne di sira bakgweetsi.

“Fela ka mokgwa o ditlhare tse di leng dintsi ka teng, di tla tlhoka Lefapha la Dithoto Tsa Setshaba Le Ditsela gore le lone le tsenye letsogo. Go bontsha fa mokgweetsi wa tekesi a ile a latlhegelwa ke taolo, mme a feleletsa a thula moithuti o. Re ile ra letsetsa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba goroga thari.  

“Bontsi jwa baagi le bone ba ile ba itelekela kwa lefelong la tiragalo le fa go ile ga nna le tiego ya di ambulance. Tiego e bakilwe ke gore di ambulance tsa rona re di bitsa go tswa kwa Taung. Fela sepodisi se ile sa tsiboga,” Maribe wa tlhalosa.

Maribe are go botlhokwa gore ba akgole kliniki ya bone ya Kgomotso ka tiro e ba e dirileng go leka go boloka botshelo jwa moithuti o. Maribe kliniki e lekile mo tlase ga keteledipele ya ga mooki Lebo Lekoma.

“Re ile ra letsetsa Lekoma yo o neng a le mo tseleng go ya kwa thutokatiso (workshop) kwa Taung. Fela, o ile a boa mo tseleng go tla kwa lefelong la tiragalo. O lekile thata go ka retibatsa seemo sa moswi. Moswi o ile a rwalelwa kwa bookelong ka ambulance le fa seemo sa gagwe se ne se tlhobaetsa.

“O tla gopola gore ke kotsi ya boraro e diragala mo matsatsing a se mmalwa. Go nnile le kotsi mo gare ga beke e re tswang mo go yone e, gape go nnile le kotsi mo letsatsing la maabane,” Maribe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Dokete mo kgetsing ya ga Modise e utswitswe


Ka OBAKENG MAJE

23 Diphalane 2025- Sepodisi mono Bokone Bophirima go begwa fa se batlisisa kgetsi ya go thubiwa ga dikantoro tsa babatlisisi (Detectives) ba dikgetsi tse di farologaneng mono Taung. Se se tla morago ga magatwe a gore dikantoro tsa babatlisi ba sepodisi mono Taung di robiwe mafelo a fetsang go feta a beke.

Go begwa fa go utswitswe dokete (docket) ya ga Korononea Jeremia Modise (34), yo eleng molatofadiwa mo kgetsing ya go teketa le go shupa ka sethunya. Modise, yo eleng monna wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, one a tshwarwa le go latofadiwa ka go teketa le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu kwa legaeng la gagwe.

Ka nako eo, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dikolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Ene ya re fa lekwalo-dikgang la rona la The Guardian le botsa Mokgwabone ka magatwe a gore babelaelwa ba, ba latofadiwa ka go ja ga mmogo le batlhankela bangwe ba sepodisi, ebile go kaiwa fa ba tshabiwa, one a araba ka gore bone jaaka sepodisi ga ba itse sepe ka magatwe ao.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgetsi ya go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya kgatlhanong le Modise, e ile ya busediwa morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha fa kgwedi ya Ngwanaatsele e tlhola matsatsi a le 11, fa go sentse go letilwe dipoelo (ballistic test) tsa sethunya.

Lekgotlha le tlhalositse fa dipatlisiso di tsweletse.

Go begwa fa e se ga ntlha dokete e ya ga Modise e utswiwa. Go begwa fa go tlile ga utswiwa foromo ya J88 ya mongongoregi mo go yone.

Go begwa fa gape Modise a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagabo wa Picong le go fisetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

Kgabagare, Mokgwabone ga tshwaela mabapi le magatwe a gore dokete ya ga Modise e utswitswe kwa dikantorong tsa sepodisi mono Taung.

taungdailynews@gmail.com

Modiri wa maloba wa setlamo sa Omolemo Funerals o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le ditatofatso tsa tsietso


Ka OBAKENG MAJE

23 Diphalane 2025- Modiri wa maloba wa setlamo sa Omolemo Funerals, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa tsietso. Se se tla morago ga gore monna o wa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, a latofadiwe ka go tsietsa setlamo ka go fetola dinomoro tsa polokelo, mme a tsenya tsa gagwe.

Go begwa fa se, se ile sa ama setlamo ga mmogo le baduedi ba di policy tsa ipaakanyetso ya loso (funeral covers). Go begwa fa bontsi jwa batho ba ne ba nagana gore ba duela di policy tsa bone go setlamo sa Omolemo Funerals kgwedi le kgwedi, fela madi a bone a ne a tsena mo polokelong ya mmelaelwa o, go na le gore a tsene kwa polokelong ya setlamo sa Omolemo Funerals ka tlhamalalo.

Kgabagare, mong wa setlamo sa Omolemo Funerals, Hlomelang Manare, one a bula kgetsi ya tsietso kgatlhanong le mmelaelwa mabapi le se. Manare are tiragalo e, e ile ya ama kgwebo ya gagwe ka mokgwa o sa siamang, gonne bontsi jwa batho bone bo sa tlhole bona le tshepo mo kgwebong ya gagwe.  

taungdailynews@gmail.com

MRM applauds 25 years imprisonment of Ikageng GBVF perpetrator    


By OBAKENG MAJE

19 October 20025- The Moral Regeneration Movement (MRM) in the North West on Sunday applauded the 25 years imprisonment handed down to Molefi Benjamin Ramoholokoane (61) by the Potchefstroom Regional Court for the murder of his intimate partner, Maria Masego Fumba (37) committed on the 11 February 2025. The civil society led organisation promoting the Charter of Positive Values expressed hope that the sentence would serve as a deterrent to perpetrators of Gender-Based Violence and Femicide (GBVF).

Convenor of the MRM Provincial Interim Committee, Pastor Lesiba Kgwele remarked that the conviction which was realized within a short period will contribute towards restoring public confidence in the criminal justice system. 

“We trust that the Fumba family will find closure in the knowledge that justice was done and commend the investigation officer, Constable Pholoso Mosenogi of the Ikageng Detectives and the prosecution team on the successful conviction.

“We urge men who are experiencing pressure in their relationships and personal lives to seek professional counselling instead of taking matters into their own hands. Ramoholokoane was driven by jealousy, insecurity as a well as control to commit a heinous and ghastly act as he suspected that his girlfriend was cheating on him with a neighbour (77), whom he was reportedly cooking a meal,” he said.

Kgwele further said he abrogated his responsibility as to protect his live-in partner whom he claimed to have loved when he resorted to senseless violence, ending her life in a gruesome manner. He added that evidence presented in court revealed that Ramoholokoane had stabbed the deceased with knife multiple times with two knives until she succumbed on the scene.

“The police were called to the scene and arrested him on the same day. He remained in police custody until the conclusion of the trial,” said Kgwele.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e buseditswe morago


OBAKENG MAJE

16 Diphalane 2025 – Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 11. Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Lekgotlha le tlhalositse fa dipatlisiso di tsweletse fa le sentse le letile dipholo tsa sethunya.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Masito e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

10 Diphalane 2025- Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha di 6 tsa kgwedi ya Ngwanaatsele 2025. Go begwa fa molatofadiwa, Oratile Masito (22) a beteletse lekgarebe lengwe teng kwa Lokaleng.

Go ya ka kgotlhatshekelo, Masito o beteletse lekgarebe le makgetlho a le mararo mo bosigong jwa tiragalo. Go begwa fa Masito a ile a kgorogelwa ke baagi kwa legaeng la gagwe fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola letsatsi, mme ba mo latofatsa ka petelelo.

Fela Masito ene are o bopelwa kgomo ya mmopa. Lekgotlha le timile Masito beile, mme le tlhalositse fa mabaka a a nelaneng ka one ese a ikgethileng. Gape, Masito o latofadiwa ka go tshosetsa dipaki mo kgetsing e.  

Lekgotlha le tlhalositse fa le rometse dipoelo tsa DNA kwa Forensic Laboratory fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola matsatsi a le 29. Jaanong lekgotlha le tlhalositse fa le setse le emetse dipoelo tseo.

Kgabagare, Modulasetilo wa Women’s Forum mono Greater Taung, Dineo Motlhetlhi are: “Re dira ka dilo di le dintsi jaaka tshotlakako ya bong ga mmogo le go emela ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogole. Gompieno jaana, re ne re tlile go reetsa kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Masito.

“Jaanong, re ikutlwa re itumetse, mme re leboga Modimo gonne kopo ya rona e diragetse. Masito ga neelwa beile, mme kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 6 Ngwanaatsele 2025.”

Motlhetlhi are ba ne ba tsweleditse mogwanto wa kagiso jaaka ba ne ba tshwere di placard jaana. Motlhetlhi are ba dira le mekgatlho e farologaneng, mme ba kgatlhanong le dipetelelo tse di kana-kana.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

9 Diphalane 2025 – Kgetsi ya go teketa le go shupa ka sethunya kgatlhanong le molatofadiwa, Korononea Jeremia Modise (34) wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e solofetswe go reediwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. 

Modise one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go teketa ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke Modise ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga.

Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna bangwe ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le molatofadiwa, eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore banna ba, ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Modise gape a buletswe kgetsi ya go teketa Christopher More (70). More one a tlhaselwa gabedi ka dinako tse difarologaneng kwa motseng wa gagwe wa Picong le go fitsetswa ntlo ga mmogo le sejanaga.

Gape, go begwa fa a ne a tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya kwa legaeng la gagwe kwa Monoto-mosetlha kwa motseng wa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com

Mosadi wa kwa Rooiwal o tshwerwe poo ke mapodisi a eseng a nnete


Ka OBAKENG MAJE

1 Diphalane 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go thopa ka dikgoka le go tshwarwa poo ka sethunya. Se, se tla morago ga gore mosadi wa dingwaga di le 49, a kgorogelwe ke banna ba le babedi ba ba sa itsiweng ka Mosupulogo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are motswasetlhabelo, Puseletso Sylvia Tapa (49) wa kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, one a tsamaya mo mmileng fa a ne a kgorogelwa ke sejanaga se se neng se na le banna ba le babedi mo teng. Van Rooyen are banna ba, ba ile ba mo laela fa e le batlhankela ba sepodisi, mme ba shupa fa ba batlisisa kgetsi nngwe ya go tshwara poo.

“Banna ba, ba ile ba laela Tapa fa ele mmelaelwa mo kgetsing eo, mme ba mo pateletsa go tsena mo sejanageng. Go begwa fa ba ile ba leba le ene kwa tikwatikweng ya marekelo ya Taung, kwa ba ileng ba fitlha ba mo shupa ka sethunya le go mo tseela karata ya banka.

“Go begwa fa ba ile ba ya go goga madi a sa itsiweng kwa bankeng ya motswa-setlhabelo, pele ga ba ka go mo latlhela kwa nageng kwa Extension 6. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Magogong e buseditswe morago


Setshwantsho- Monna o latofadiwa ka go bolaya mosadimogolo ka garawe

Ka OBAKENG MAJE

30 Lwetse 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha 13 Di[halane 2025. Molatofadiwa, Kagiso Starzen Thipe, o letse a rototse matlho fa pele ga magistrata kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mosadimogolo, Masechaba James (71). 

Go begwa fa Thipe a ile a kgemetha le go bolaya James ka garawe ka Labobedi morago ga tlhatlharuane magareng ga bobedi jo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa Thipe a ne a tlhagola fa moswi a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga bobedi jo, mme Thipe a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ene o lebagane le kgetsi ya polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, Thipe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Dryharts o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao


Ka OBAKENG MAJE

25 Lwetse 2025- Monna wa kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelelwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung morago ga gore a tshwarwe mabapi le polao. Go begwa fa monna o, a ile a tlhaba banna ba le babedi ka thipa ka Labobedi morago ga kgakgauthano.

Go begwa fa mmelaelwa a tlhabile le go bolaya Tlotlego Mangwekea le go gobatsa Maswe Maqandela. Go begwa fa mmelaelwa a latofatsa moswi, Mangwekea le Maqandela ka go mo utswetsa ditlhako tsa carvela ga mmogo le hubbly. Go begwa fa ntwa magareng ga banna ba le mmelaelwa e ne ya diragala kwa lebenkeleng la batswa-kwa.

Go begwa fa mmelaelwa a ile a tshwarwa ke batlhankela ba sepodisi morago ga tiragalo. Maqandela o ile a amogelwa kwa bookelong jwa Taung ka dikgobalo tse di masisi.

taungdailynews@gmail.com