Ba lelapa la ga Senyasamore kwa Dryharts ba itumeletse dithuso go tswa kwa pusong


Ka OBAKENG MAJE

11 Tlhakole 2025- Ba lelapa la ga Senyasamore kwa kgaolong ya Lehatlheng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, ba re ba itumeletse dithuso tse ba di amogetseng go tswa go puso. Se setla morago ga gore ntlo ya diphaposi di le tharo ya lelapa, e phepheulwe ke phefo, morago ga dipula tse di maatla.

Seo, se ile sa tlogela ba lelapa ba iphotlhere, ebile ba sena legae. Maloko a le mararo a lelapa, ba ile ba iponela dikgobalo tse dimasisi.

Go ya ka sebueledi sa lelapa, Thabo Senyasamore, dipula tse di maatla, di ile tsa tsaya marulelo a ntlo, ga mmogo le go senya dilwana tsa mo ntlung. Fela, Senyasamore are ba itumeletse kemo-nokeng e ba e boneng go puso.

“Go fitlha ga jaana, re itumeletse dithuso tse re di boneng go tswa kwa lefapheng la katlatlelo-loago mono Bokone Bophirima. Ba tlisitse diphuthelwana tsa dijo, mme ga ke itse gore a e tlile go nna selo sa kgwedi le kgwedi kgotsa jang.

“Re ile ra neelwa le madi a seatleng a lekanang ka R2100. Kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, ba ile ba kopa gore re dire tekanyetso-kabo ya gore madi a ka baakanyang ntlo e ka nna bokae. Ke ile ka ba neela tekanyetso-kabo eo, jaanong re setse re emetse go utlwa go tswa mo go bone gore ba ka tla leng go baakanya ntlo,” Senyasamore wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa lefapha la katlatlelo-loago mo Bokone Bophirima, Petrus Siko are, badiri ba bone ba katlatlelo-loago, ba neetse ba lelapa la ga Senyasamore thobo-maikutlo le go ba thusa gore ba amogele seemo sa bone sa botshelo morago ga tiragalo e. Siko are, lelapa le neetswe ditlabakelo tsotlhe tse di tlhokegang.  

“Ba ile ba golagangwa le lefapha la SASSA go ka ikwadisetsa madi a ba a tlhokang (social relief of distress in a form of cash) go ba thusa go ka aga ntlo ya bone gape, ga mmogo le go bona dilo tse di botlhokwa.

“Modiri wa rona wa katlatlelo-loago, o ka tswelela ka go ela seemo tlhoko le go tlisa pharologanyo go ba lelapa. Re ile ra neela lelapa diphuthelwana tsa dijo, mme re ka tswelela go ela tlhoko seemo kwa lelapeng go fitlhelela go nna le botsitso,” Siko wa tlhalosa.

Gape Siko are, ba tlile go tswelela go dirisana le mafapha a farologaneng go netefatsa fa thuso nngwe le nngwe e lelapa le e tlhokang la e bona.

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho: Maloko a lelapa la ga Senyasamore ba bone dikgobalo tse di masisi 

Moithuti wa kwa Leshobo o ile a tlhakatlhakana morago ga go ja mazimba


Ka OBAKENG MAJE

7 Tlhakole 2025- Baagi ba kwa motseng wa Leshobo, gaufi le Taung, ba mina ka nko ele nosi mme ba ikuela go puso go tswala mabenkele (spaza shops) tsotlhe kwa motseng wa bone gore go diriwe ditlhatlhobo. Se setla morago ga gore moithuti wa kwa sekolong se se potlana sa Leshobo, a reke mazimba kwa lebenkeleng lengwe, mme a lwala.  

Go ya ka moeteledipele wa baagi, Shimmy Gaseranye, tiragalo e, ke ya letsatsi la Laboraro. Gaseranye are go begwa fa baithuti ba ile ba go reka mazimba, mme gwa fitlhelwa fa a na le dipilisi mo teng.

“Ka maswabi, ngwana o jeleng mazimba ao, o ile a tlhaka-tlhakana. O ile a tabogisetswa kwa kliniking, mme kliniki yone e ile ya mo romela kwa bookelong jwa selegae jwa Taung.

“Re ikuela go batsadi go ela tlhoko fa bana ba sa reke mazimba kwa mabenkeleng a ba tswa kwa. Go begwa fa batlhatlhobi ba dijo go tswa kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ba ile ba etela lebenkele leo, le go tlhatlhoba dijo tsotlhe tse di rekisiwang koo,” Gaseranye wa tlhalosa.

Are, jaaka baagi, ga se maikaelelo a bona go baka ditlhakatlhakano, fela ba ne a tlile go kopa mong wa lebenkele go le tswala, mme go diriwe dipatlisiso. Gaseranye are, batlhatlhobi ba setse ba tshotse mazimba ao, mme ba setse ba bone gore a rekilwe kae.

“Jaanong, potso ya rona jaaka baagi ke gore, ra reng ka mabenkele a mabapi a le one a rekileng mazimba teng kwa mong wa lebenkele le a rekileng teng? Jaaka re bua jaana, bana ba bangwe le bone ba tsweletse go ja mazimba go tswa kwa mabekeleng a mabapi,” Gaseranye wa tlhalosa.

Sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima, Lucas Mothibedi are, ke nnete ngwana wa dingwaga di le 15, o amogetswe kwa bookelong jwa selegae morago ga go ja mazimba. Mothibedi are, go begwa fa ngwana o, a rekile mazimba go lebenkele lengwe mme o ile a lwala.

“Molwetsi o, o gorogile kwa bookelong jwa Taung a tlhatsa, mme a shupa gape fa ana le ditlhabi. Dingaka ga mmogo le baooki, ba ile ba mo thusa. Mme go fitlhelela ga jaana, molwetsi o, o mo maemong a siame,” Mothibedi wa tlhalosa.

Kgabagare, mokhudutahmaga wa dipuso selegae, ga mmogo le tsamaiso ya segosi, Oageng Molapisi are: “Go ya kwa mafelelong a ngwaga, naga e ile ya itemogela dikgetsi di le dintsi tsa bana ba ba tlhokafalang mabapi le go ja dijo tse bontsi jwa tsone direkilweng kwa mabenkeleng (spaza shop) a selegae.

“Go latela go tlhatlhoga ga dikgetsi tseo, mopresidente Cyril Ramaphosa, o ile a kopa gore mabenkele (spaza shops) otlhe, ga mmogo le ditheo tse di rekisang dijo, di ikwadise kwa di masepaleng tse di farologaneng pele ga matsatsi a le 21.”

Molapisi are fela nako ya ikwadiso ile ya okediwa go fitlha ka di 28 Tlhakole 2025. Are go nnile le dintsho tse di bakilweng ke dijo tseo tse di kgotlhelegileng mo porofenseng, ebile go nnile le dikgetsi di le 85 tse di kwadisitsweng, ga mmogo le dintsho di 5.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa motseng wa Majaneng e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

6 Tlhakole 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, Motseothata Nelson Seoleseng (35), e buseditswe morago go fitlha ka di 12 Mopitlwe 2025. Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. 

taungdailynews@gmail.com

Mokwadi wa dibuka o rotloetsa basha go buisa 


Ka OBAKENG MAJE 

5 Tlhakole 2025- Mokwadi wa dibuka tsa Setswana o diphatsa, Kgosietsile Mokabeng, wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, o rotloetse batho go bala dibuka, mme segolo thata jang basha. Mokabeng are go bala dibuka go matlafatsa tlhaloganyo le kitso ya motho, mme gape e mo rute le go buisa mafoko sentle. 

Mokabeng are basha ba le ba ntsi ba dirisa nako ya bone botlhatswa ka go tlhola ba le mo metsweding ya boitapoloso e farologaneng. Are fela seo, ga se ba thuse ka gope fa ba sa dirise metswedi eo sentle jaaka go bala dibuka. 

Mokabeng yo o golotseng buka e e bidiwang Ke Tsa Botshelo sesheng jaana, are go bala dibuka go ruta motho go nna le dikakanyo tse di farologaneng tsa botshelo, ga mmogo le go leba botshelo ka mokgwa o farologaneng. 

“Ke sa tswa go ntsha buka ya boraro e eleng gore ke padi. Padi e, e rotloetsa basha gore thuto e botlhokwa. Thuto ke yone fela e e tla ba thusang go fetola matshelo a bone. 

“Jaaka mokwadi, ke dirisitse mosha, mme ka mo tsenya mo tlase ga dikgwetlo tsotlhe tsa botshelo. Ke ile ka mo isa kwa unibesithi, mme go boa kwa, a tla go tsaya karolo a nna le seabe mo phetolong ya matshelo a bao a tshelang le bone,” Mokabeng wa tlhalosa. 

Mokabeng are le lerato la botsadi leo leleng teng, le shupa fa tshegetso ya botsadi le yone e tsaya karolo e tona thata gore mosha o, a tsoge a fitlheletse tseo a di batlang. Mokabeng are leina la buka Ke Tsa Botshelo, mme e raya gore dikgang tse, ke tsa botshelo tse eleng gore ba tshwanetse ba emelana le tsone. 

“Sengwe le sengwe se se diragalang mo botshelong jwa gago, se direga ka lebaka. Sa gago ke gore o tshwanetse go nna le maatla a gore o fenya jang dikgwetlo tse o kopanang le tsone. Dikgwetlho tse di a go ago, di a go tiisa gore o kgone o fithelele ko o batlang teng. 

“Fa o batla buka e, o tla e iponela yone fela ka R100. Botlhe ba ba e batlang, ba ka golagana le nna kwa bukeng ya sefatlhego eleng Facebook. Ba ka golagana le nna mo kabeng ya Kgotlaetsile Mokabeng, kgotsa go nteletsa mogala,” Mokabeng wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Mosadi o tlhokafetse morago ga go iphanya ka nnotagi


Ka BAKANG MOKOTO

3 Tlhakole 2025- Mosadi wa dingwaga di le 45, wa kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, o tlhokofetse morago ga go iphanya ka nnotagi. Go begwa fa mosadi yo, a ne a ile kwa lefelong la maitiso le le gaufi, mme a itisa le ditsala tsa gagwe ka Lamatlhatso. 

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, mosadi o, one a leka go ya gae, fela one a wela mo tseleng. Van Rooyen are, ba thuso ya potlako ba ile ba bidiwa, mme ba tlhalosa fa maloba ene ele maabane. 

“Ke nnete, kgetsi ya morago ga loso e butswe. Dipego tsa morago ga loso di tla tlhalosa gore mosadi o, a ka tswa bolailwe ke eng. Go fitlha ga jaana sepodisi ga se belaele fa mosadi o, a ka tswa ka bolailwe,” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Mong wa lebenkele o kgothusitswe kwa motseng wa Mocweding


Ka OBAKENG MAJE

27 Ferikgong 2025- Monna wa motswakwa o nang le lebenkele kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, o tlhasetswe le go kgothusiwa madi a seatleng ke banna bangwe ba le bararo ba ba sa itsiweng. Go begwa fa motswakwa o, a ne kgorogelwa ke banna ba baneng ba tshwere dithunya ka Lamatlhatso bosigo, mme ba mo kgothosa.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, banna ba, ba ne ba kgothosa monna o madi, dilwana ga mmogo le mogala wa gagwe wa letheka.

“Banna ba, ba ile ba digela mong o wa lebenkele dingalo, le go mo tlogela a phokga-phokga madi. O ile a iponela dikgobalo mo tlhogong, ga mmogo le mo mmileng.

“Monna o, o ile a tabogisetswa kwa kliniking ya selegae go ya go bona kalafi. Go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme kgetsi ya go tshwara kgwebo poo e butswe,” van Rooyene wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Pula ya matlakadibe e tlogetse maloko a lelapa la ga Senyasamore ka dikgobalo


Setshwantsho: Ba lelapa la ga Senyasamore ba tlogetswe ka dikgobalo

Ka OBAKENG MAJE

25 Ferikgong 2025- Ba lelapa la ga Senyasamore kwa kgaolong ya Lehatlheng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, ba re pula ya matlakadibe e ba tlogetse ba iphotlhere, ga mmogo le dikgobalo tse di masisi. Go begwa fa gape pula e, ile ya tlogela motse otlhe o sena motlakase morago ga go diga dipale tsa Eskom tse di tsamaisang motlakase.

Go ya ka mongwe wa leloko la lelapa, Thabo Senyasamore, go ile ga na pula enngwe fela ya matlakadibe, mme ya phepheula dithulelo tsa ntlo ya bone. Enyasamore are, le ntlo ya baagisani e ile ya amega, morago ga gore dithulelo tsa ntlo ya bone di hokele kwa baagisanying.   

“Ke nnete, dithulelo tsa ntlo di ile tsa mumuga, me le ditene le tsone di ile tsa wa. Bana ba le bararo ba ile ba tlogelwa ka dikgobalo tse di masisi, morago ga go welwa ke ditene tsa ntlo. Mo teng ga ntlo gone ga ke bue, re senyegetswe go utlwala.

“Dilwana tsa ntlo jaaka diraka, thebeleishene, setsidifatsi, di oudropo ga mmogo le ditafole di robegile. Dipula tse tsa matlakadibe di re senyeditse, mme ga gona ko re tla tshabelang teng. Ka re le mogwafatshe wa me le one o hokile,” Senyasamore wa tlhalosa.

Senyasamore are mogwafatshe wa gagwe ga se ga ntlha o hoka, mme molekgotlha wa kgorwana ya bone, o mo tshepisitse gore o tla mo tlhaga thuso. Are ba dula ba le bane mo ntlung ya diphaphosi di le pedi.

Kgabagare, molekgotlha yo eleng leloko la komiti ya ga majoro kwa masepaleng o moglolwane wa Taung, Itumeleng Maribe, mme ene a ikarabela ka tsa mafaratlhatlha are: “Re tlhaloganya ka botlalo bothata jo bo tlhagetseng ba lelapa la rra Senyasamore. Fela, molekgotlha wa rona wa kwa kgorwaneng eo, o ile a etela lelapa le go dira ditlhotlhomiso tsa gore ba senyegetswe go le go kae.

“Jaanong, re tla itsise ba ba maleba go ka ba tlhaga thuso. Re tlhaloganya gore dipula tse ga di a senya fela kwa Dryharts, mme komiti ya rona e diraga ka tsa matlhotlhapelo, e tsweletse go ka dira ditlhotlhomiso.”

taungdailynews@gmail.com

  

Sepodisi: “Monna wa kwa motseng wa Manthe ga bolawa ke diritibatsi”


Ka OBAKENG MAJE

20 Ferikgong 2025- Sepodisi sa Taung se ganeditse dipego tse di sa totobalang tse di tletse-tletseng kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, mabapi le go tlhokafala ga monna mongwe wa dingwga di le 30. Se se tla morago ga magatwe a gore, Kagiso Baitsumedi-Gaobuse o bolailwe ke diritibatsi.  

Go begwa fa Baitsumedi-Gaobuse a ile a wa fela mo bekeng e e fetileng, mme a tlhokafala moragonyana.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, kgetsi ya morago ga loso e butswe. Van Rooyen are jaaka sepodisi, ba setse ba emetse dipholo tsa morago ga loso, mme tsone di tla ba thusa go konosetsa kgetsi.

“Ga ese nnete gore moswi o bolailwe ke go tsuba diritibatsi phetelelo. Fela kgetsi ya morago ga loso yone e butswe. Ga re belaele fa go ka tswa go nnile le letsogo la tshwene mabapi le loso la ga Baitsumedi-Gaobuse,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa moswi a tla fitlhiwa mo go yone beke e, teng kwa motseng wa Manthe.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa Lokgabeng e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

16 Ferikgong 2015- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 17 Tlhakole 2025. Simon Molale (22), yo a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21), o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile ke kgotlha-tshekelo ya Taung.

Go begwa fa Molale a ne a tlhaba Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo morago a go bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e. Go begwa fa Molale a lekile go tsaya botshelo jwa gagwe pele ga ba lelapa la gagwe ba ka mo neela sepodisi ka motsi o.

Molale o ile a amogelwa kwa bookelo jwa selegae jwa Taung morago ga magatwe a gore o ile a itlhaba ka thipa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Go fitlha ga jaana, bosekisi bo tlhalositse fa bo setse bo emetse dipholo tsa diteko tsa thipa e go begwang fa Molale a e dirisitse go bolaya Medichane, mme dipatlisiso mo kgetsing di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tlhokafetse morago ga go longwa ke noga


Ka OBAKENG MAJE

14 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 60 go tswa kwa motseng wa Modimong, gaufi le Taung, o tlhokafetse morago ga go lomiwa ke noga. Go begwa fa Majojo Seboco a ne a longwa ke noga mo letsatsing la maabane, mme a tabogisetswa kwa bookelong jwa Taung go bona thuso ya potlako.

Fela go begwa fa Seboco a ile a tlhokafala moragonyana kwa bookelo, mme kgetsi ya morago ga loso e ile ya bulwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen are: “Ee, ke nnete kgetsi ya morago ga loso e butswe morago ga gore monna o, a longwe ke noga.

“Go fitlha ga jana ga go itsiwe mofuta wa noga e e mo lomileng.”

taungdailynews@gmail.com