Matlole a go rekelang baithuti dijo kwa sekolong se segolwane sa Maatla kwa Pudimoe a fedile  


 

Ka OBAKENG MAJE

14 Mopitlwe 2025- Sekolo se segolwane sa Maatla kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, se rotloetsa batsadi go direla baithuti dijo tse ba tla dijang kwa sekolong. Se, se tla morago ga dipego tsa gore madi a rekang dijo tse di fepang baithuti kwa sekolong (National School Nutrition Programme) a fedile.

Jaanong, bangwe ba batsadi ba baithuti ba ba sa batleng go itsiwe, ba latofatsa mogokgo ka go dirisa madi botlhatshwa. Batsadi ba, ba re mogokgo wa sekolo o tsaya dijo kwa lebenkeleng la batswakwa le le kwa dimmarakeng tsa Pudimoe (complex) ka sekoloto, mme a duele morago.

“Go na le magatwe a gore mogokgo o dirisana le batswakwa ba lebenkele leo. Jaanong, ke belaela a dirisitse madi botlhatshwa. Jaanong, baithuti ba ba tswang kwa malapeng a humanegileng ba tlile go dira jang?

“Ga gona se se botlhoko jaaka go ya sekolong o sa ja. Gape ere o fitlha kwa sekolong, o fitlhele dijo di seo. Baithuti ba le bantsi ba ikaegile ka sekema seo sa go ba neela dijo kwa sekolong. Re kopa lefapha le leke ka bojotlhe gore ba rarabolola mathata a,” motsadi wa tlhalosa.

Kgabagare, Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, le kaile fa ele nnete gore go nnile le tiego mo go neelaneng ka thuso ya matlole go fepa baithuti.

Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Lefapha le tlhalositse fa madi a sekolo sa Maatla a setse a fedile, mme sekolo se sentse se emetse matlole. Jaaka lefapha, re akgola mogokgo wa sekolo ka mokgwa o a samaganeng le mathata a ka gone.

“Seo se bontshitse botlhale gore mogokgo a itsise batsadi ba baithuti go na le gore a didimale fela. Ke nnete go nnile le tiego ya go duelwa ga matlole kwa dikolong mabapi le go fepiwa ga baithuti.”

Molokwane are tiego eo, e tlhodilwe ke mathata a setegenike, mme seo se diragala thata fa go atimela bokhutlho jwa ngwaga wa ditshelete. Molokwane are dikolo tse dingwe di kgona go tswelela ka go neela baithuti dijo, fa tse dingwe di sa kgone.

“Mo mathateng otlhe a lebaganeng dikolo, batsadi ba tshwanetse gore ba itsisiwe,” Molokwane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho:

Monna o latofadiwang ka go bolaya mmagwe o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

14 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o solofetswe go rotola matlho fa pele ga magistrata wa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Monna o, o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).

Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kegtsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.

Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.

Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya mmagwe ka garawe kwa Magogong, o tshwerwe


Ka OBAKENG MAJE

13 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o solofetswe go rotola matlho fa pele ga magistrata wa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Monna o, o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).

Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kegtsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.

Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.

Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE 

13 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le Mietjie Babiki Fischer (44), wa kwa motseng wa Diplankeng kwa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha di 17 Mopitlwe 2025. Se se tla morago ga gore Fischer a latofadiwe ka go bolaya Boitumelo Sebekedi wa kwa motseng wa Lokaleng matsatsi a le marataro a fitileng. 

Go begwa fa Sebekedi a ne a latofadiwa ka go utswa Jojo tank, mme a tlhaselwa ke baagi. Go ya ka dipego, Sebekedi o ile a teketiwa ka ketane le go tlhabiwa ka thipa pele ga a ka bidiwa ka garawe. 

Go begwa fa baagi ba ile ba mo tsenya mo kgetsing, mme ba mo latlhela kwa forong. Ene ya re morago ga nakonyana, go begwa fa baagi ba ile ba ntsha Sebekedi kwa forong eo. 

Go begwa fa baagi ba ile ba mo isa kwa godimo le kwa tlase makgetlhonyana, pele ga ba mo tshela ka motlhapo le makgome. Go begwa fa sepodisi se ile sa tshwara basadi ba le bararo, fela ba le babedi ba ile ba ntshiwa gonne go se bopaki jo bo tletseng kgatlhanong le bone. 

Sepodisi se ile sa tshwara Fischer, mme ba mo latofatsa ka polao. Fischer o solofetswe go dira kopo ya beile ka di 17 Mopitlwe 2025. 

Kgabagare, sepodisi se ganne go tshwaela mo tiragalong e, gonne ba tlhalositse fa seo se tla kgoreletsa dipatlisiso tsa bone mo kgetsing. 

taungdailynews@gmail.com

Seothaeng o tlhalositswe jaaka motho oneng a le bonolo  


Ka OBAKENG MAJE

11 Mopitlwe 2025- Modulasetilo wa setlhopha sa Indomitable Lions FC sa kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, Archibald Aotlotlwe Seothaeng (50), o fitlhilwe kwa dirapeng tsa baswi kwa motseng wa Dryharts, mono Taung ka Lamatlhatso. Seothaeng o neetswe phitlho ya manobonobo, o kailwe jaaka motho o neng a le boikobo, bonolo, ebile a rata thuto. 

Batla phitlhong ba ne ba tlile ka bontsi jo bo thibang letsatsi go tla go felegetse Seothaeng. 

Mokatisi wa setlhopa sa Indomitable Lions FC, Olebogeng Kalabatane are ba simolotse go dira le Seothaeng ka 2021, fa ba ne ba aga setlhopa sa seo. Kalabatane are Seothaeng, one a le botlhale, mme ba fitlheletse dilo di le dintsi thata motlase ga tsamaiso ya gagwe. 

“Bontsi jwa nako, re kopane le mathata mme Seothaeng one a dumela mo go baleng. One a itse melao ya kgwele ya dinao. One o tla bona seo fa go na le dikgogakgogano. Gape, Seothaeng one a dumela mo go tsweleleng pele. 

“Seothaeng o thusitse setlhopa ka keteledi-pele ya gagwe e manontlhotlho. Se se utlwisang botlhoko ke gore, ga nke re itse nako ya loso ke leng. Gona le dilo di le dintsi tse oneng a batlile go di direla setlhopa mo ngwageng o,” Kalabatane wa tlhalosa. 

Mokhuduthamaga kwa LGSETA, Inneeleng Molete, o tlhalositse Seothaeng jaaka motho oneng a rata tiro ya gagwe. Molete are LGSETA tiro ya bona ke go rotloetsa basha le go bula ditshono tsa ditiro le dithuto. 

“Kgang ya rona ke go bula ditshono, mme re dira gore go nne le kgolagano magareng ga dimasepala tsotlhe go ralala naga. Re thusa bana ba dikobo dikhutsane gore ba bone madi a go tsweletsa dithuto tsa bone kwa di unibesiti tse di farologaneng.

“Karolo eo, e tshamikilwe ke Seothaeng mo porofenseng ya Bokone Bophirima. Boeteledipele jwa gagwe ene ele jo bo namatshang,” Molete wa tlhalosa. 

Modiri-mmogo wa maloba wa ga Seothaeng kwa Lefapheng La Badiri, Paul Motshweneng are Seothaeng o dirile jaaka Employment Officer kwa lefapheng la bone, mme one a le bonolo. Motshweneng are Seothaeng o iponetse dikgele di le mmalwa jaaka modiri o gaisitseng wa ngwaga. 

Kgabagare, morwadia Seothaeng, Kganya, o tlhalositse rragwe jaaka motho oneng a dula a ba rotloetsa thata gore ba tseye dithuto tsa bone tsia. Kganya are bat la dula ba mogopola ka dinako tsotlhe.

taungdailynews@gmail.com

 

Melaetsa ya matshidiso e tsweletse go goroga morago ga go tlhokafala ga modulasetilo wa Indomitable Lions FC, Archie Seothaeng


Ka REGINALD KANYANE

28 Tlhakole 2025- Melaetsa ya matshidiso e tsweletse go goroga kwa lelapeng la ga Seothaeng morago ga go tlhokafala ga morwa wa bone, Archie Seothaeng (50). Seothaeng yo eneng ele modulasetilo wa setlhopha sa Indomitable Lions FC, sa kwa Pudimoe, gaufi le Taung, o tlhokafetse mo kotsing e masisi ya sejanaga mo tseleng ya Koster ga mmogo le Lichtenburg, mo letsatsing la Labobedi.

Go begwa fa sejanaga se Seothaeng aneng a tsamaya ka sone, se ile sa thulana le lori eneng e rwele katakata.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokapteine Mpho Manyoba, dipatlisiso di tsweletse mo kgetsing e. Manyoba are dipatlisiso di tla tlhalosa gore tlholo ya kotsi ke eng.

“Ke nnete monna wa dingwaga di le 50 o tlhokafetse mo kotsi ya sejanaga mo letsatsing la Labobedi. Dintlha tshotlhe mabapi le kgetsi e, di tla rebolwa morago ga dipatlisiso,” Manyoba wa tlhalosa.  

Kgabagare, morulaganyi wa tonamente ya metsameko, Mothusi Dikwelana are: “Re kwala jaana re le botsamaisi jwa Mothusi Dikwelana Sports Tournament ka mowa o ko tlase re utlwetse botlhoko ko teng. Tsamao ya gago ya tshoganyetso e re amile thata. Seothaeng o tshamikile karolo e tona mo Mothusi Dikwelana Sports Tournament go tloga fela kwa tshimologong.

“One a sa tshabe, ebile a sa itsemeletse go tsaya mogala a ntetsetsa le go neelana ka dikgakololo mabapi le Mothusi Dikwelana Sports Tournament. One a nna teng ngwaga le ngwaga ntle fa fela fa na le ditshwarego. Re latlhegetswe ke motho yo o neng a rata kgwele ya dinao le metshameko ka kakaretso, ebile a le bonolo le boikokobetso.”

Dikwelana are o gopola ngwaga o fetileng fa ba ne ba neela setlhopha sa Indomitable Lions FC kits, Seothaeng one a tshameka le bone are, nnyaa lo tla re bolaisa mmala o mo khibidu.  Dikwelana are Seothaeng one a bua seo ka monyebo, mme a bontsha boitumelo.

“One a buile gore ngwaga o jaaka ba sireletsa sejana sa bone lekgetlho la boraro ka tatelano, wa go tla a golegile setlhopa go gaisa. One a buisiwa se ka gore, re ne re mo boleleletse gore re mo batlela ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse di diphatsa. A bo a tshega, a amogela dikabo ka lerato a bo a leboga.

“Jannong, jaaka botsamaisi jwa Mothusi Dikwelana Sports Tournament, re are go ba losika le ditsala, botsamaisi, batshamiki, balatedi botlhe ba Indomitable Lions FC, Modimo ke botshabelo, thuso le maatla ka nako ya ditlalelo. Lo gomotsegeleng ruri, ebile re tshepele mo thapelong,” Dikwelana wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Ngwana o nwetse mo khuting kwa Rooiwal 


Ka OBAKENG MAJE 

23 February 2025- Ngwana wa dingwaga di le pedi o tlhokafetse kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, morago ga go wela le go nwela mo khuting e tletseng metsi. Go begwa fa Lethabo Comfort Moroko, a ile a wela mo khuting e tletseng metsi kwa morago ga ntlo fa a ne a tshameka.  

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Labotlhabo thapama. 

“Sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso. Go begwa fa ngwana o, a ile wela mo khuting. Go ile ga bidiwa ba ditirelo tsa potlako (Emergency Medical Response Services). Fela ba ne ba fitlhela ngwana o, a setse a ntshitswe mo khuting ke bangwe ba baagi, ebile a iketse badimong. 

“Jaaka ba sepodisi, ga re belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene mo losong la ngwana o,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Lokgabeng e buseditswe morago


Ka REGINALD KANYANE

19 Tlhakole 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha di 202 Tlhakole 2025, ke kgotlhatshekelo ya Taung. Simon Molale (22), yo a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21), o kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile.

Go begwa fa Molale a ne a tlhaba Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo morago ga go bona batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e.

Go begwa fa Molale a lekile go tsaya botshelo jwa gagwe pele ga ba lelapa la gagwe ba ka mo neela sepodisi ka motsi o. Molale o ile a amogelwa kwa bookelo jwa selegae jwa Taung morago ga magatwe a gore o ile a itlhaba ka thipa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Go fitlha ga jaana, bosekisi bo tlhalositse fa bo setse bo emetse dipholo tsa diteko tsa thipa e go begwang fa Molale a e dirisitse go bolaya Medichane, mme dipatlisiso mo kgetsing di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Lokgabeng e boela kwa kgotlhatshekelo


Ka REGINALD KANYANE

17 Tlhakole 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Simon Molale (22), yo a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21), o kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo nakong e e fetileng.

Go begwa fa Molale a ne a tlhaba Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo morago ga go bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e. Go begwa fa Molale a lekile go tsaya botshelo jwa gagwe pele ga ba lelapa la gagwe ba ka mo neela sepodisi ka motsi o.

Molale o ile a amogelwa kwa bookelo jwa selegae jwa Taung morago ga magatwe a gore o ile a itlhaba ka thipa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Go fitlha ga jaana, bosekisi bo tlhalositse fa bo setse bo emetse dipholo tsa diteko tsa thipa e go begwang fa Molale a e dirisitse go bolaya Medichane, mme dipatlisiso mo kgetsing di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com