Banna ba baneng ba apere uniform ya sepodisi ba kgothoditse setheo sa Lokgabeng Disability Centre  

Ka OBAKENG MAJE

24 Mopitlwe 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgothosa o tlhometse. Se se tla morago ga gore banna ba ba sa itsiweng ba feta robedi ba go begwang fa ba ne ba apere uniform ya sepodisi, ebile ba tlhometse go utlwala, ba kgorogele batlhankedi ba tshireletso kwa lefelong le go dulang bagodi le batho ba ba tselang ka bogole kwa Lokgabeng Disability Centre kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, mo letsatsing la maabane mo gare ga bosigo.

Go begwa fa banna ba, ba ile ba tshosetsa badiri ba setheo, pele ga ba ka tsaya di laptop, USBs ga mmogo le megala ya letheka.

Mong wa setheo, Agnes Mokgobo, o kaile fa go sena ope o a ileng a tswa dikgobalo mo tiragalong e. Mokgobo are o makaditswe ke tiragalo e, gonne kwa setheong sa gagabo go dula bagodi, ga mmogo le batho ba ba tshelang ka bogole.

“Re maketse ebile re ipotsa gore go baneng batho bao ba ne ba dira dilo tse. Mo setheo sa rona ga gona madi, mme re tshela fela ka dithuso. Re itumelela gore ga gona ope wa bagodi kgotsa wa batho ba rona ba re ba tlhokomelang ba ba tswileng dikgobalo, gonne batho bao, ba tsene fela kwa ofising ya rona.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso ka tiragalo e setlhogo e, go ka letsetsa sepodisi,” Mokgobo wa tlhalosa.  

Sebueledi sa Lefapha la Katlatlelo-Loago mono Bokone Bophirima, Petrus Siko are ba kgala tiragalo e ba sa kgale mathe ganong. Siko are ba setse ba buile le motsamaisi wa diporojeke (Project Manager), mme ba tlile go romela batlhankedi ba katlatlelo-loago (social workers) go ya go thoba badiri ga mmogo le badudi kwa setheong maikutlo.

“Go maswe go bona se se diragala matsatsinyana fela Afrika Borwa e fetsa go keteka letsatsi la ditshwanelo tsa botho. Re ikuela go sepodisi go ka tshwarwa badiri ba tiro e maswe e ka bonako,” Siko wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, mokaptein Mpho Manyoba, are o sentse a kokwanya ditlha, mme o ka boela go Taung DailyNews ka ditlha tse di feletseng.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya mmagwe ka garawe o tla dira kopo ya beile

Ka KEDIBONE MOLAETSI

20 Mopitlwe 2025- Monna wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le polao. Molatofadiwa, Thabiso Nkwane (35), o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).

Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kgetsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.

Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.

Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.

taungdailynews@gmail.com

Mosadi o a latofadiwang ka polao kwa Diplankeng o boela kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

20 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le Mietjie Babiki Fischer (44), wa kwa motseng wa Diplankeng kwa Magogong, gaufi le Taung, e boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Fischer o latofadiwang ka go ka go bolaya Boitumelo Sebekedi wa kwa motseng wa Lokaleng dibeke tse pedi tse di fetileng, o solofetswe go dira kopo ya beile. 

Go begwa fa Sebekedi a ne a latofadiwa ka go utswa Jojo tank, mme a tlhaselwa ke baagi. Go ya ka dipego, Sebekedi o ile a teketiwa ka ketane le go tlhabiwa ka thipa pele ga a ka bidiwa ka garawe.

Go begwa fa baagi ba ile ba mo tsenya mo kgetsing, mme ba mo latlhela kwa forong. Ene ya re morago ga nakonyana, go begwa fa baagi ba ile ba ntsha Sebekedi kwa forong eo.

Go begwa fa baagi ba ile ba mo isa kwa godimo le kwa tlase makgetlhonyana, pele ga ba mo tshela ka motlhapo le makgome. Go begwa fa sepodisi se ile sa tshwara basadi ba le bararo, fela ba le babedi ba ile ba ntshiwa gonne go se bopaki jo bo tletseng kgatlhanong le bone.

Sepodisi se ile sa tshwara Fischer, mme ba mo latofatsa ka polao.

Kgabagare, sepodisi se ganne go tshwaela mo tiragalong e, gonne ba tlhalositse fa seo se tla kgoreletsa dipatlisiso tsa bone mo kgetsing.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Diplankeng e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

18 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le Mietjie Babiki Fischer (44), wa kwa motseng wa Diplankeng kwa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha di 20 Mopitlwe 2025, ke kgotlhatshekelo ya Taung. Se, se tla morago ga gore Fischer a latofadiwe ka go bolaya Boitumelo Sebekedi wa kwa motseng wa Lokaleng dibeke tse pedi tse di fetileng.  

Go begwa fa Sebekedi a ne a latofadiwa ka go utswa Jojo tank, mme a tlhaselwa ke baagi. Go ya ka dipego, Sebekedi o ile a teketiwa ka ketane le go tlhabiwa ka thipa pele ga a ka bidiwa ka garawe.

Go begwa fa baagi ba ile ba mo tsenya mo kgetsing, mme ba mo latlhela kwa forong. Ene ya re morago ga nakonyana, go begwa fa baagi ba ile ba ntsha Sebekedi kwa forong eo.

Go begwa fa baagi ba ile ba mo isa kwa godimo le kwa tlase makgetlhonyana, pele ga ba mo tshela ka motlhapo le makgome. Go begwa fa sepodisi se ile sa tshwara basadi ba le bararo, fela ba le babedi ba ile ba ntshiwa gonne go se bopaki jo bo tletseng kgatlhanong le bone.

Sepodisi se ile sa tshwara Fischer, mme ba mo latofatsa ka polao. Fischer o solofetswe go dira kopo ya beile ka di 20 Mopitlwe 2025.

Kgabagare, sepodisi se ganne go tshwaela mo tiragalong e, gonne ba tlhalositse fa seo se tla kgoreletsa dipatlisiso tsa bone mo kgetsing.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Modutung o boela kwa kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

17 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le polao. Molatofadiwa, Thabiso Nkwane o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).

Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kegtsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.

Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.

Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Lokgabeng e buseditswe morago

Ka BAKANG MOKOTO

17 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha 14 Motsheganong 2025. Simon Molale (22), yo a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21), o kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo nakong e e fetileng.

Go begwa fa Molale a ne a tlhaba Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo morago ga go bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e. Go begwa fa Molale a lekile go tsaya botshelo jwa gagwe pele ga ba lelapa la gagwe ba ka mo neela sepodisi ka motsi o.

Molale o ile a amogelwa kwa bookelo jwa selegae jwa Taung morago ga magatwe a gore o ile a itlhaba ka thipa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Go fitlha ga jaana, bosekisi bo tlhalositse fa bo setse bo emetse dipholo tsa diteko tsa thipa e go begwang fa Molale a e dirisitse go bolaya Medichane, mme dipatlisiso mo kgetsing di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Setopo sa monna se bonwe kwa tsela-kgolo ya N18 gaufi le Majaneng

Ka OBAKENG MAJE

17 Mopitlwe 2025- Monna wa dingwaga di le 44 wa kwa motseng wa Mokassa 1, gaufi le Taung, o tlhokafetse. Se se tla morago ga gore setopo sa monna se bonwe fa thoko ga tsela-kgolo ya N18, kwa motseng wa Majaneng mo letsatsing la Tshipi.

Go begwa fa monna o, ane a na le dintho tsa go tlhabiwa mo tlhogong.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, sepodisi se tsweletse ka go batlana le ba losika ba moswi le go itse gore ke mang. Mokgwabone are leina la moswi le tla rebolwa morago ga dilo tseo tsotlhe.

“Sepodisi se boloditse dipatlisisi tsa go batlana le badiri ba tiro e, le gore e ka tswa e tlhotlhoeleditswe ke eng. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Modutung e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

14 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga gore kgotlhatshekelo ya Taung, e busetse morago kgetsi ya polao kgatlhanong le ene go fitlha ka 17 Mopitlwe 2025. Molatofadiwa, Thabiso Nkwane o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).

Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kegtsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.

Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.

Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.

taungdailynews@gmail.com

Matlole a go rekelang baithuti dijo kwa sekolong se segolwane sa Maatla kwa Pudimoe a fedile  

Ka OBAKENG MAJE

14 Mopitlwe 2025- Sekolo se segolwane sa Maatla kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, se rotloetsa batsadi go direla baithuti dijo tse ba tla dijang kwa sekolong. Se, se tla morago ga dipego tsa gore madi a rekang dijo tse di fepang baithuti kwa sekolong (National School Nutrition Programme) a fedile.

Jaanong, bangwe ba batsadi ba baithuti ba ba sa batleng go itsiwe, ba latofatsa mogokgo ka go dirisa madi botlhatshwa. Batsadi ba, ba re mogokgo wa sekolo o tsaya dijo kwa lebenkeleng la batswakwa le le kwa dimmarakeng tsa Pudimoe (complex) ka sekoloto, mme a duele morago.

“Go na le magatwe a gore mogokgo o dirisana le batswakwa ba lebenkele leo. Jaanong, ke belaela a dirisitse madi botlhatshwa. Jaanong, baithuti ba ba tswang kwa malapeng a humanegileng ba tlile go dira jang?

“Ga gona se se botlhoko jaaka go ya sekolong o sa ja. Gape ere o fitlha kwa sekolong, o fitlhele dijo di seo. Baithuti ba le bantsi ba ikaegile ka sekema seo sa go ba neela dijo kwa sekolong. Re kopa lefapha le leke ka bojotlhe gore ba rarabolola mathata a,” motsadi wa tlhalosa.

Kgabagare, Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, le kaile fa ele nnete gore go nnile le tiego mo go neelaneng ka thuso ya matlole go fepa baithuti.

Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Lefapha le tlhalositse fa madi a sekolo sa Maatla a setse a fedile, mme sekolo se sentse se emetse matlole. Jaaka lefapha, re akgola mogokgo wa sekolo ka mokgwa o a samaganeng le mathata a ka gone.

“Seo se bontshitse botlhale gore mogokgo a itsise batsadi ba baithuti go na le gore a didimale fela. Ke nnete go nnile le tiego ya go duelwa ga matlole kwa dikolong mabapi le go fepiwa ga baithuti.”

Molokwane are tiego eo, e tlhodilwe ke mathata a setegenike, mme seo se diragala thata fa go atimela bokhutlho jwa ngwaga wa ditshelete. Molokwane are dikolo tse dingwe di kgona go tswelela ka go neela baithuti dijo, fa tse dingwe di sa kgone.

“Mo mathateng otlhe a lebaganeng dikolo, batsadi ba tshwanetse gore ba itsisiwe,” Molokwane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho:

Monna o latofadiwang ka go bolaya mmagwe o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

14 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o solofetswe go rotola matlho fa pele ga magistrata wa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Monna o, o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).