
Ka OBAKENG MAJE
30 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se, se tla morago ga gore Oratile Chwao (22), a thulwe ke sejanaga kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung. Sepodisi se bega fa Chwao a ne a kgabaganya tsela fa a ka thulwa ke sejanaga.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Go begwa fa moswi a ile a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.
“Fela dipatlisiso di tsweletse mo morerong o.”