
Ka OBAKENG MAJE
18 Ngwanatsele 2026 – Mosadi wa dingwaga di le 42 o fitlhetswe a tlhokafetse, mme a na le mangaputso mo mmileng wa gagwe kwa Motseng wa Matolong, gaufi le Taung ka di 17 Ngwanatsele 2026 mo motshegareng. Go begwa fa setopo sa ga Tukuna Pitiri yo go belaelwang fa a beteletswe le go bolaiwa, se fitlhetswe kwa kagong nngwe ya letlotla gaufi le seporo sa terene kwa motseng wa Matolong, gaufi le Taung ka Labobedi motshegare.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi ga mmogo le badiri ba thuso ya potlako, ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo kwa ba netefaditseng teng fa Pitiri o tlhokafetse.
“Go fitlha ga jaana, sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso, mme go boloditswe dipatlisiso mabapi le seo. Dipatlisiso di tla netefatsa tlholo ya loso,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, go begwa fa baagi ba motse wa Matolong ba tlile go bolotsa mogwanto wa kagiso go tswa kwa setlhare setelele go fitlha kwa legae la moswi mo letsatsing la gompieno ka ura ya 5:40pm. Baagi ba, ba tlhalosa fa ba tla be ba apere mmala o mo pepole ga mmogo le bontsho, maitlhomo e le go gopola moswi le go batlana le tshiamiso.