
Ka OBAKENG MAJE
29 Ferikgong 2026- Baagi ba kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung, ba boloditse letsholo-patlo. Se, se tla morago ga go nyelela ga monna mongwe wa teng kwa motseng o.
Go ya ka dipego, Selaotswe Modisagaarekwe (45), one a nyelela fa kgwedi ya Ferikgong e tlhola matsatsi a le 23, mono ngwaga.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo are sepodisi se a itse ka go nyelela ga ga Modisagaarekwe. Bobelo are go begwa fa Modisagaarekwe a ne a le kwa legaeng la gagwe, fela moragonyana, ba lelapa la gagabo ba ile ba lemoga fa a seo.
“Go ne go sena matshwao ape a shupang gore Modisagarekwe o ka tswa a ile kae. Go begwa fa a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong, mme one a apere borokgwe jo bo pududu, sekipa se se botala jo bo tseneletseng le bontsho, ga mmogo le diteki tsa modiro wa Puma fa a ne a nyelela.

“Go ile ga bolodiwa letsholo-patlo gone ka Labotlhano o. Gape letsholo-patlo le ile la bolodiwa ka Labobedi, fela maiteko ao a ile a itaya sefololetsa. Go na le thulaganyo e e dirilweng go ka tlisa sepodisi sa dipitsi ga mmogo le dintja go ka thusa mo letsholo-patlong leo,” Bobelo wa tlhalosa.
Go begwa fa bangwe ba baagi ba ile ba bona motho mongwe o kgale a batliwa fa ba ne ba boloditse letsholo-patlo. Fela Bobelo o ganeditse magatwe ao.
Bobelo are bone jaaka sepodisi, tshedimosetso e ga ya ba fitlhelela.
Kgabagare, baagi ba rulagantse kopano ya thapelo kwa lelapeng la ga Modisagaarekwe mo letsatsing la kamoso. Baagi ba re kopano eo, e tla tshwarwa ka ura ya borataro maitseboa, mme go memilwe baeteledipele ba ba farologaneng jaaka baruti ba di kereke ga mmogo le dingaka.







