
OBAKENG MAJE
25 Tlhakole 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Motsheganong e tlhola matsatsi a le 5. Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tlhageletse ka boripana kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la Moshupulogo.
Balatofadiwa ba, ba ile ba tshwarwa dingwaga di le pedi tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo. Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng.
Seno se tla morago ga gore ba latofatse Mothibedi ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la Taung DailyNews gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.
“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba gokelela moswi mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.
“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.
Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.
Go begwa fa Katong le Lenyai ba boleletse lekgotlha ka mokgwa wa toriso ya lekwalo gore, ba ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le bone, mme ba tlhalositse fa Mosimege le Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.
Mo letlhakuring le lengwe, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.