
Ka OBAKENG MAJE
8 Diphalane 2026 – Tirelo ya Sepodisi Sa Aforika Borwa (SAPS) mono Taung, e tlhotlhomisa kgetsi ya go leka go bolaya motho morago ga tiragalo ya go thuntshiwa kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung. Mo diureng tsa phakela wa Tshipi, 4 Diphalane 2026, mapodisi a ne a amogela pego ya motho yo o neng a thuntsiwa, mme morago a isiwa kwa bookelng jwa sedika jwa Taung go bona kalafi.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake, are fa mapodisi a goroga kwa bookelong, a fitlhetse monna wa dingwaga di le 22 a amogela kalafi. Morake are le fa a ne a le mo maemong a bokoa, monna o, o ne a bolelela mapodisi gore o ne a tsamaya ka sejanaga sa gagwe go ya kwa motseng wa Qhoo fa a ne sega tsebe sejanaga sengwe kwa Mokgareng.
“Go begwa gore motho yo o neng a le mo sejanageng se se ngwe, o ne a mo sala morago, mme mmelaelwa a ntsha sethunya a bo a mo thuntsha. Gape go begwa fa mmelaelwa o ne a shupa mopalami o neng a tsamaya le mokgweetsi o ka sethunya.
“Mokgweetsi o, o ne a iponela dikgobalo mo mokokotlong le mo tlase ga sehuba. Ga go ise go nne le ope yo o tshwerweng mo kgatong eno, ka gonne mmelaelwa o santse a tsene ka lenga la seloko,” Morake wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams are sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe yo o nang le tshedimosetso e e ka thusang ka dipatlisiso go e neela sepodisi. Adams are mapodisi a tsweletse ka dipatlisiso go bona gore tiragalo eno e diragetse jang le go batlana le mmelaelwa.