
Setshwantsho: Molatofadiwa wa petelelo, Letlhogonolo Theophilus Motshabi/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
7 Diphalane 2026 – Kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung, e solofetswe go rebola katlholo mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le Letlhogonolo Theophilus Motshabi yo o itsegeng ka leina la Mafred wa kwa motseng wa Sekhing mono Taung mo letsatsing la kamoso. Se, se tla morago ga gore lekgotlha la bosekisi le mmueledi wa molatofadiwa ba konosetse dinganyisano tsa morago ga tsheko.
Go begwa fa Motshabi a beteletse Rachel Tshabile ka di 29 Mopitlwe 2026, gaufi le ntlo e rekisang nnotagi kwa ga Piet. Go ya ka molatofadiwa, o ne a dutse kwa ntlung eo e rekisang nnotagi a ntse a nwa Heineken ga mmogo le Black Label fa a bona Tshabile a feta. Are o ne a mo latela, mme a mo fitlhela a bua ka mogala wa letheka.
Motshabi o boleletse kgotlhatshekelo gore morago ga gore Tshabile a fetsa go bua ka mogala wa letheka, o ne a mo kopa tikologo e le nngwe ya thobalano. Go ya ka Motshabi, Tshabile ga ka a senyana nako le go bona dipotso, mme ka gangwe fela, ba wela mo tseleng.
Motshabi o boleletse kgotlhatshekelo fa ba ne ba ya kwa ntlung nngwe ya mmu e e seng kgakajana le ntlo e rekisang nnotagi. Are o ile a fitlha a bula, mme ba tsena mo ntlung eo.
Motshabi o boleletse kgotlhatshekelo fa a ile a apola baki, sekipa ga mmogo le go ntsha leoto le le lengwe mo borokgweng le go rola ditlhako. Are o ne a dula mo tafoleng, mme a kopa Tshabile yo o neng a apere borokgwe jo bokhutsane jwa jeans apola.
Motshabi a re Tshabile ga ka a botsa dipotso, mme o le a apola borokgwe jo go fitlha mo mangweleng. Are o ne a kopa Tshabile go itshegeletsa ka lebota fa a motlhaga go tswa kwa morago.
Motshabi are na ne bat sena mo thobalanong e sa sireletsegang le Tshabile, mme e ne ya re fa ba ntse ba tsweletse ka go iphanya, Tshabile o ne a mo kopa gore a emise gonne a mo utlwisa botlhoko. Motshabi a re Tshabile o ne a thubega ka selelo le go tswela kwa ntle.
Go ya ka Motshabi, o ne a sa itse gore Tshabile o lelela eng, mme o ne a leka go mo botsa seo, fela a se bone dikarabo. Go begwa fa ausi wa ga Tshabile a ne a tla morago ga go longwa tsebe ke mongwe wa baagi ka go goeletsa ga monnawe.
Motshabi a re o ne a tlogela sekipa le setlhako kwa ntlung eo. Go begwa fa ausi wa ga Tshabile a ne a botsa Motshabi gore ke ka go reng a rwele setlhako se le nosi. Fela, go begwa fa e ne ya re mo kgakgauthanong eo ya mafoko, Motshabi o ne a ntsha botona jwa gagwe le go bo bontsha ausi wa mongongoregi.
Go begwa fa Tshabile a ne a loma Motshabi mo letsogong, fela molatofadiwa o ganeditse dipego tseo. Motshabi o boleletse lekgotlha fa e ne e se ga ntlha a iphanya ka thobalano le Tshabile.
O tlhalositse fa ntho e e neng ele mo letsogong, a ne a e bona ka motsi wa fa a ne a ile go rwalela dikgong kwa nageng.
Fela, mosekisi o ne a ganetsa dipego tseo le go botsolotsa Motshabi fa go baneng a sa itsise mmueledi wa gagwe wa Legal Aid ka gore ga se ga ntlha a iphanya ka thobalano le Tshabile. Mosekisi o tlhalositse fa Tshabile a tlhalositse fa a ne a sena dikamano dipe le Motshabi, ntle le go itsane go tloga kwa kerekeng.
Go begwa fa Tshabile kaile fa a ne a kopiwa ke Motshabi go tsamaya le ene kwa ntlung eo go ya go mo thusa go ga metsi a hubbly bubbly. Fela o ne a makadiwa ke maitsholo a ga Motshabi fa ba fitlha kwa ntlung eo. Tshabile are Motshabi o ne a mo tshosetsa ka garawe, le go mo kaela fa tlile go mo itaya ka garawe, mme a mmetelela.
Go begwa fa Tshabile a ne a ikgotha mo go Motshabi, le go tswela kwa ntle kwa a ileng a tswelela ka go lela le go goeletsa.
Kgabagare, magistrata Buti Zulu are o tla neelana ka katlholo mo letsatsing la kamoso.