
Ka OBAKENG MAJE
30 Lwetse 2024- Mokhuduthamaga wa Botaki, Setso, Metshameko ga mmogo le Tlhabololo, Collen Maine o neelane ka kago ya Multi-Purpose Centre go baagi kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, mo letsatsing la Labone. Maine are kago e, e sale e agiwa dingwaga di le 12 tse di fetileng, mme e jetse puso madi a kanang ka R27 million.
Are jaaka lefapha, ba itumeletse go fediwa ga kago e, mme go mo diatleng tsa baagi gore ba e tlhokomele. Maine are jaanong kago e, ba e neetse masepala o mogolwane wa Taung, mme ba tlile go dula ba tla go lekola seemo sa yone nako le nako.

“Re batlang basha ba rona ba tswe ko mebileng. Ba tshwanetse gore ba dirise kago e go ka ikatisa. Fela jaaka Kgosi a buile, re tlile go aga lefelo la go sapa (swimming pool), gore bana ba ithute go sapa.
“Re rekile ditshipi tsa go ikatisa tse di tshwanang le tsa bo Virgin Active, mme ga jaana re di beile kwa Mmabana Taung. Go na le kago e e tshwanetsweng gore re e agiwe fa thoko ga kago e, mme ke yone e e tlileng go tsenya ditshipi tseo mo teng. Seo se tlile go netefatsha fa kago e, e fetoga lefelo la go ikatisa la ma nnete,” Maine wa tlhalosa.
Are jaanong, ditshipi tseo di tla nama di dutse kwa Mmabana Taung, mme mo ngwageng o tlang wa ditshelete, kago eo e tlile go agiwa gore ditshipi tseo di tlisiwe fa. Maine are seo se tlile go thusa basha ba mo metse-selegae go ka ikatisa.
“Ke boleletswe gore bontsi jwa basha ba ba tswang mo magaeng, ba leba kwa ditoropong go tsenela metshameko e farologaneng, gonne ba ngokelwa ke ditheo tse di farologaneng tsa go ikatisa.
“Re ikopela thata go baagi ba rona gore kago e, ke ya bone. Mme fa ba na le matshwenyego, ba se e fise. Kago e e tshwanetse gore e ba tswele mosola, mme ba bue le mafapha a maleba go ntsha matshwenyego a bone,” Maine wa tlhalosa.
Are puso e mo tseleng ya go aga Afrika Borwa o botokwa, fela go tlile go tsamaya go nna le dikgwetlho. Maine are mme dikgwetlho tseo, di tshwanetswe go rarabololwa ntle le go fisa.
“Bana ba Isiraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto go leba kwa Kanana, ba tsamaile ba nna le dikgwetlho mo tseleng. Fela, ba ile ba nna le tshepo ya gore batla fitlhelela kwa ba yang kwa teng.
“Jaanaong, le rona re kopa baagi gore fa ba na le matshwenyego, ba se fise dikago gonne madi a puso e nang le one a mannye, mme re tshwantse gore re a kgaoganye gore re kgone go aga dikago tsa mofuta o kwa mafelong a mangwe,” Maine wa tlhalosa.
Maine are metshameko le botaki, ke maikarabelo a bone mo porofenseng ya Bokone Bophirima, mme ba dirisana le Lefapha la Thuto le dimasepala.
Kgabagare, Kgosi Khanana Nnyoko Motlhabane wa Batlhaping Baga Maidi, one a gana go tsenela di potsolotso (interviews) le Taung DailyNews, mme one a bolelela babega-dikgang ba rona gore ba tswe mo go ene.