Baagi ba re ga ba voute ntle le kago ya tsela   


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Taung, ba re ga ise ba fetoge mo tshwetsong ya bone ya gore ga ba ye go tsaya karolo mo ditlhopong tsa bosetshaba ka di 29 Motsheganong 2024. Seno se tla morago ga gore ba tlhalose fa porojeke ya tsela e e kopanyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18, e puwaganngwe. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, ba nnile le kopano le baagi, mme ba mina ka nko ele nosi. Pholo are selelo sa baagi ke gore, ga gona sepe seo se diragalang mo porojekeng ya tsela. 

“Ga gona tlhaloso epe e re e neetsweng ke ba ba maleba, mme baagi ba tshotse tshwetso ya go se tseye karolo mo ditlhopo. Ka di 27 Mopitlwe 2024, gone gona le kopano ya komiti mo motseng. Re ne rena le baemedi go tswa kwa lefapheng, mme ba kaile fa lefapha le sena madi.

“Fela, ba tlhalositse fa lefapha le tla bo lena le madi ka di 2 Moranang 2024. Ba tlhalositse fa ba tlile go simolola ka porojeke, mme ba tlile go ya kwa Bloemhof le Christiana go ya go reka ditene tsa paving le dilwana tse di tla dirisiwang,” Pholo wa tlhalosa. 

Pholo are fela go fitlha ga jaana, ga go nko e tswang le mina. 

“Ke lekile go bua le mafapha a mantsi, mme ga gona tswelelopele. Jaanong, ke feleletsa ke le motho yo o maaka mo baaging. Seno se bontsha fa puso ya rona e palelwa. 

“Jaanong ka kopo le boikokobetso, re kopa tsereganyo pele ga beke e e fela. Baagi ba kgenne, mme ebile ba angwa fela ke tse ba diapering,” Pholo wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa lefapha la ditsela mo Bokone Bophirima, Lerato Gambu are: “Re tlhaloganya seemo sa baagi. Jaaka lefapha, re kopanetse porojeke e le masepala o mogolwane wa Taung. Se se emisitseng porojeke ke matsapa are a itemogelang mo thekong ya dilwana tse di dirisiwang go aga tsela.

“O tla tlhaloganya gore porojeke e, ke enngwe e e tlisiwang ke lefapha, ga mmogo le masepala go ka tokafatsa ditsela mo di masepaleng tsa rona. Jaanong ga go bonolo go bona gore e tlile go jela puso bokae. Bo nnete ke gore, gone go sena ledi le le beetsweng thoko go ka aga tsela e.” 

Gambu are lefapha la gagabo le tlile go tswelela ka go neelana ka dilwana tse di tla dirisiwang go aga tsela e, mme tsone di tla jela lefapha la gagabo madi a kanang ka R2 million. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba tshosetsa ka go sa voute fa ba sa agelwe tsela 


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba ba shakgetseng ba kwa motseng wa Itireleng gaufi le Taung, ba ikanne ba sa dutle gore ga batle go tsaya karolo mo ditlhopong tsa bosetshaba ka di 29 Motsheganong 2024. Seno se tla morago ga gore ba tlhalose fa porojeke ya tsela e e kopanyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18, e puwaganngwe. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, ba nnile le kopano le baagi, mme baagi ba mina ka nko ele nosi. Pholo are selelo sa baagi ke gore, ga gona sepe seo se diragalang mo porojekeng ya tsela.  

“Ga gona tlhaloso epe e re e neetsweng ke ba ba maleba, mme baagi ba tshotse tshwetso ya go se nne karolo ya ditlhopo tsa bosetshaba tse di tlang. Re diriwa bana, mme ka di 27 Mopitlwe 2024, gone gona le kopano ya komiti mo motseng. Re ne rena le baemedi go tswa kwa lefapheng, mme ba kaile fa lefapha le sena madi.

“Fela, ba tlhalositse fa lefapha le tla bo lena le madi ka di 2 Moranang 2024. Ba tlhalositse fa ba tlile go simolola ka porojeke, mme ba tlile go ya kwa Bloemhof le Christiana go ya go reka ditene tsa paving teng le dilwana tse di tla dirisiwang,” Pholo wa tlhalosa. 

Pholo are baemedi ba lefapha, ba ba tlhaloseditse gore ba tlile go reka gape le dilwana tse dingwe, mme ba simolole ka kago ya tsela. Pholo are fela go fitlha ga jaana, ga go nko e tswang le mina. 

“Ke lekile go bua le mafapha a mantsi, mme ga gona tswelelopele. Jaanong, ke feleletsa ke le motho yo o maaka mo baaging, ebile ke shupiwa ka monwana. Ga ke sa tlhole kena le maatla ka gore seemo se tswile mo taolong go fitlha ga jaana.

“Seno se bontsha fa puso ya rona e palelwa. Jaanong ka kopo le boikokobetso, re kopa tsereganyo pele ga beke e e fela. Baagi ba kgenne, mme ebile ba angwa fela ke tse ba diapering. Jaanong, ba tshoseditse ka go sa ye go tsenela ditlhopo,” Pholo wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa lefapha la ditsela mo Bokone Bophirima, Lerato Gambu are: “Re tlhaloganya seemo sa baagi. Jaaka lefapha, re kopanetse porojeke e le masepala o mogolwane wa Taung. Se se emisitseng porojeke ke matsapa are a itemogelang mo thekong ya dilwana tse di dirisiwang go aga tsela.

“O tla tlhaloganya gore porojeke e, ke enngwe e e tlisiwang ke lefapha ga mmogo le masepala go ka tokafatsa ditsela mo di masepaleng tsa rona, jaanong ga go bonolo go bona gore e tlile go jela puso bokae. Bonnet eke gore, gone go sena ledi le le beetsweng thoko go ka e aga.” 

Gambu are lefapha la gagabo le tlile go tswelela ka go neelana ka dilwana tse di tla dirisiwang go aga tsela e, mme tsone di tla jela lefapha la gagabo madi a kanang ka R2 million. 

taungdailynews@gmail.com