


Ka OBAKENG MAJE
11 Tlhakole 2025- Ba lelapa la ga Senyasamore kwa kgaolong ya Lehatlheng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, ba re ba itumeletse dithuso tse ba di amogetseng go tswa go puso. Se setla morago ga gore ntlo ya diphaposi di le tharo ya lelapa, e phepheulwe ke phefo, morago ga dipula tse di maatla.
Seo, se ile sa tlogela ba lelapa ba iphotlhere, ebile ba sena legae. Maloko a le mararo a lelapa, ba ile ba iponela dikgobalo tse dimasisi.
Go ya ka sebueledi sa lelapa, Thabo Senyasamore, dipula tse di maatla, di ile tsa tsaya marulelo a ntlo, ga mmogo le go senya dilwana tsa mo ntlung. Fela, Senyasamore are ba itumeletse kemo-nokeng e ba e boneng go puso.
“Go fitlha ga jaana, re itumeletse dithuso tse re di boneng go tswa kwa lefapheng la katlatlelo-loago mono Bokone Bophirima. Ba tlisitse diphuthelwana tsa dijo, mme ga ke itse gore a e tlile go nna selo sa kgwedi le kgwedi kgotsa jang.
“Re ile ra neelwa le madi a seatleng a lekanang ka R2100. Kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, ba ile ba kopa gore re dire tekanyetso-kabo ya gore madi a ka baakanyang ntlo e ka nna bokae. Ke ile ka ba neela tekanyetso-kabo eo, jaanong re setse re emetse go utlwa go tswa mo go bone gore ba ka tla leng go baakanya ntlo,” Senyasamore wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa lefapha la katlatlelo-loago mo Bokone Bophirima, Petrus Siko are, badiri ba bone ba katlatlelo-loago, ba neetse ba lelapa la ga Senyasamore thobo-maikutlo le go ba thusa gore ba amogele seemo sa bone sa botshelo morago ga tiragalo e. Siko are, lelapa le neetswe ditlabakelo tsotlhe tse di tlhokegang.
“Ba ile ba golagangwa le lefapha la SASSA go ka ikwadisetsa madi a ba a tlhokang (social relief of distress in a form of cash) go ba thusa go ka aga ntlo ya bone gape, ga mmogo le go bona dilo tse di botlhokwa.
“Modiri wa rona wa katlatlelo-loago, o ka tswelela ka go ela seemo tlhoko le go tlisa pharologanyo go ba lelapa. Re ile ra neela lelapa diphuthelwana tsa dijo, mme re ka tswelela go ela tlhoko seemo kwa lelapeng go fitlhelela go nna le botsitso,” Siko wa tlhalosa.
Gape Siko are, ba tlile go tswelela go dirisana le mafapha a farologaneng go netefatsa fa thuso nngwe le nngwe e lelapa le e tlhokang la e bona.
Setshwantsho: Maloko a lelapa la ga Senyasamore ba bone dikgobalo tse di masisi