Mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing ya go kgothosa sejanaga sa Fidelity mono Taung o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo

Setshwantsho: Sejanaga se se rwalwang madi sa Fidelity se tlhasetswe mono Taung

Ka OBAKENG MAJE

23 Lwetse 2024- Mmelaelwa a le mongwe o golaganngwang le kgetsi ya kgothoso ya madi mono Taung, o tshwerwe. Kgetsi e, e diragetseng fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite ka di 10 Lwetse 2024. Go begwa fa banna ba le bane, ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba kgothosa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, banna ba, ile ba kgorogela batlhankela ba tshireletso ba setlamo sa Fidelity ba ba neng ba pega mabokoso a le mararo a tsenyang madi mo sejanageng sa bone.

“Go begwa fa banna ba, ba ne ba kgweetsa sejanaga sa modiro wa Volkswagen Tiguan, mme ba ile ba thuntsa le go tlogela mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity ka dikgobalo.

“Tiragalo e, ke ya ura ya bo robongwe mo mosong kwa toropong ya Taung. Sepodisi se ile sa ragogela teng, mme ba fitlhetse sejanaga se se rwalang madi sena le diphatlha tsa dikolo tsa sethunya. Go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi a ile a tswa kotsi, morago ga go thuntsiwa mo legetleng la gagwe la moja,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokgwabone are, go begwa fa batlhankedi ba ba tshireletso, ba ne ba pega dibokoso tse di senang madi mo sejanageng sa bone fa ba ne ba tlhaselwa. Mokgwabone are, go begwa fa mongwe wa ba belaelwa a ile a tswa kotsi, morago ga go thuntsiwa mo leotong.

“Sepodisi se fitlhetse sejanaga se se neng se dirisiwa ke bo rasethunya ba, se tlogetswe kwa sekgweng ma gareng ga Taung le Hartswater. 

“Go bontsha fa babelaelwa ba, ba ile ba tshaba ka mabokoso a le mararo a neng a sena sepe mo teng. Kgetsi e, ile ya shutisediwa kwa lephateng la The Hawks,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa bosekisi mono Bokone Bophirima, Sivenathi Gunya are, lephata la The Hawks, le ile la tshwarwa mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing e. Gunya are monna o, o ile a tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung, mme o lebagane le dikgetsi di le tharo tse di masisi tsa kgothoso, kgetsi ele nngwe ya maiteko a polao le go tshwara dithunya go se mo molao.

“Kgetsi kgatlhanong le monna o, e buseditswe morago go fitlha di 23 Lwetse 2024, mme molatofadiwa o solofetswe go dira kopo ya beile,” Gunya wa tlhalosa.  

taungdailynews@gmail.com

Mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing ya go kgothosa sejanaga sa Fidelity mono Taung o tshwerwe

Setshwantsho: Sejanaga se se rwalwang madi sa Fidelity se tlhasetswe mono Taung

Ka OBAKENG MAJE

19 Lwetse 2024- Mmelaelwa a le mongwe o golaganngwang le kgetsi ya kgothoso ya madi mono Taung, o tshwerwe. Kgetsi e, e diragetseng fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite ka di 10 Lwetse 2024. Go begwa fa banna ba le bane, ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba kgothosa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity.  