
Ka BAKANG MOKOTO
19 Seetebosigo 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha Phukwi a tlhola matsatsi a le 23, ke kgotlhatshekelo ya Taung. Kabelo Vincent Mogongwa o latofadiwa ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38).
Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e lekwalo-tetla la yone le fedile. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.
Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.
“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.
“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.