Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Kabelo Mogongwa o busediwa kwa ntlolefitshwana

Ka KEDIBONE MOLAETSI  

31 Phukwi 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, Kabelo Vincent Mogongwa, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 4 ke kgotlhatshekelo ya Taung. Mogongwa o latofadiwa ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), le go tshola sethunya se laesense ya teng e fitilweng ke nako.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e eseng mo molaong. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go ka shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 4 Phatwe fa dipatlisiso di tswelela.

taungdailynews@gmail.com