Molatofadiwa wa polao o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

1 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Qhoo, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka Labotlhano. Se se tla morago ga gore molatofadiwa, Pogisho Tshibithi (18), a tshwarwe le go latofadiwa ka polao.

Go begwa fa Tshibithi a ile a tlhaba Itumeleng Patrick Sinyolo (18) ka thipa le go mo bolaya ka gangwe fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 28, teng kwa motseng wa Qhoo. Go begwa fa Sinyolo le Tshibithi ba ne ba lwela lekgarebe lengwe le go begwang fa le setse le le kwa tlase ka dingwaga.  

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are tiragalo e, ke ya ura ya borobedi mo bosigong. Myburgh are sepodisi se ile sa bilediwa kwa ntlung nngwe, kwa ba ileng ba shupediwa setopo sa ga Sinyolo se se neng sena le dintho tsa go tlhabiwa.

“Sepodisi se ile sa bontshiwa setopo seo ke rragwe moswi. Go ile ga bidiwa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba netefatsa fa Senyolo a setse a tlhokafetse. Molatofadiwa o setse a tlhageletse makgetlho a le mabedi kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa polao,” Myburgh wa tlhalosa.

Kgabagare, lekawana le, le ile la busediwa kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile mo letsatsing la kamoso.

taungdailynews@gmail.com