
Ka OBAKENG MAJE
10 Diphalane 2025- Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha di 6 tsa kgwedi ya Ngwanaatsele 2025. Go begwa fa molatofadiwa, Oratile Masito (22) a beteletse lekgarebe lengwe teng kwa Lokaleng.
Go ya ka kgotlhatshekelo, Masito o beteletse lekgarebe le makgetlho a le mararo mo bosigong jwa tiragalo. Go begwa fa Masito a ile a kgorogelwa ke baagi kwa legaeng la gagwe fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola letsatsi, mme ba mo latofatsa ka petelelo.
Fela Masito ene are o bopelwa kgomo ya mmopa. Lekgotlha le timile Masito beile, mme le tlhalositse fa mabaka a a nelaneng ka one ese a ikgethileng. Gape, Masito o latofadiwa ka go tshosetsa dipaki mo kgetsing e.
Lekgotlha le tlhalositse fa le rometse dipoelo tsa DNA kwa Forensic Laboratory fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola matsatsi a le 29. Jaanong lekgotlha le tlhalositse fa le setse le emetse dipoelo tseo.

Kgabagare, Modulasetilo wa Women’s Forum mono Greater Taung, Dineo Motlhetlhi are: “Re dira ka dilo di le dintsi jaaka tshotlakako ya bong ga mmogo le go emela ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogole. Gompieno jaana, re ne re tlile go reetsa kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Masito.
“Jaanong, re ikutlwa re itumetse, mme re leboga Modimo gonne kopo ya rona e diragetse. Masito ga neelwa beile, mme kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 6 Ngwanaatsele 2025.”
Motlhetlhi are ba ne ba tsweleditse mogwanto wa kagiso jaaka ba ne ba tshwere di placard jaana. Motlhetlhi are ba dira le mekgatlho e farologaneng, mme ba kgatlhanong le dipetelelo tse di kana-kana.