
Ka OBAKENG MAJE
28 Phatwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha 29 Lwetse 2025. Molatofadiwa, Kagiso Starzen Thipe, o tlhotse a rototse matlho fa pele ga magistrata kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mosadimogolo, Masechaba James (71).
Go begwa fa Thipe a ile a kgemetha le go bolaya James ka garawe ka Labobedi morago ga tlhatlharuane magareng ga bobedi jo.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa Thipe a ne a tlhagola fa moswi a ne a mo kopa gore a se epe mosima mo thoko ga legae la gagwe. Van Rooyen are go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga bobedi jo, mme Thipe a teketa moswi ka garawe go fitlha a tlhokafala.
“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ene o lebagane le kgetsi ya polao,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, Thipe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kgotlhatshekelo.