
Ka OBAKENG MAJE
5 Lwetse 2025- Dikgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, eleng Thato Gaobuse, mme a itsege thata ka leina la Kaalpens, di buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Lwetse a tlhola matsatsi a le 11.
Kaalpens o ile a tshwarwa ka Labobedi wa beke e e fetileng mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le Kaalpens ke tsefe le gore di diragetse kae. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.
Kgabagare, Kaalpens o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo.