

Ka OBAKENG MAJE
29 Lwetse 2024- Monna oneng a begwa a nyeletse, Collen Modiriemang Seipone (35), wa kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung, o fitlhilwe kwa dirapeng tsa baswi teng kwa Kolong ka Lamatlhatso. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe ga mmogo le ba dira-mmogo, ba mo tlhalositse fa ene ele motho oneng a na le boikobo, ebile a le lerato.
Moruti Sylvester Aiseng are batho ga batla go dulela ruri mo lefatsheng, fela botshelo jwa motho bo itsiwe ke Modimo. Aiseng are batho ba ka dira tsotlhe tsa lefatshe, ba je monate, fela molaodi wa botshelo ke Modimo.
“Jaanong are se tsamaye ka kakabalo, mme re tlhaloganye gore botshelo re bo neilwe ke Modimo, ebile ke ene o tla bo khutlisang. Akere fa ngwana a tla mo lefatsheng o tla a kuparetse? Ke rata batho ba tlhaloganye lefoko la Modimo.
“Batho ba lefatshe ba ratile monate go feta lefoko la Modimo. Setlogolo sa ka se ile sa kopana le matsogo a sa siama. Matsogo ao, a ile a mo nyeletsa ebile re ile ra dula re maketse. Fela, re ile ra kopa gore Morena gore are arabe,” Aiseng wa tlhalosa.
Mongwe wa dibue ka letsatsi la tirelo matshidiso, Kgalolo Koji are Seipone one a sa tshwane le batho ba bangwe. Koji are one a itse Seipone, ga mmogo le metsamao ya gagwe.
“Lefatshe le kgona go go tlhoa, ba sa itse gore ba go tlhoela eng. Ke bua ka motho o eneng ele podile mo bathung ba bagwe, mme fa o botsa lebaka, ga gona karabo.
“Ke bua ka motho o montsho ka mmala, mme a le mosesane batho ba ipotsa gore go baneng a sa none. Batho ba kwala, mme ke bone le ngwana mongwe o neng a paletswe ke mophato wa marematlou, a beile setshwantsho sa ga Collen, mme ke ipotsa gore go baneng ane sa beye le setshwantsho sa gagwe sa marematlou,” Koji wa tlhalosa.
Are batho ba rata dilo tsa batho. Koji are ba lelapa la rra Seipone ba se ikobonye gore ba be ba na le ngwana o neng a bidiwang Collen.
“Ke itumelela selo se le sengwe fela, gonne Collen one a sena sepe le motho o sa itsholelang jaaka nna jaana. Fela one a tlhoilwe ke batho ba ba senang sepe jaaka nna jaana.
“Botlhe ba ba tsholotseng madi a gagwe, le bone ka letsatsi lengwe, madi a bone a tla latswa ke ditsha. Collen ene ele lekau, mme ene ere ka nako tse dingwe ha ke kopana le ene ko Ditshilong, ke be ke mmotsa gore o tswa kae, a be are: “kena le tsoga re omane ha go dume hao,” Koji wa tlhalosa.
Tikane Motsage are: “Collen ene ele mmotlana, mme re godile mmogo. Ke gopola ha kene ke kgaogana le ene, gone gole di 21, mme ke ene oneng a ntseisa dibeke. Ene ere fa a le ko Potchefstroom, one a kgona go nketela.
“Ka letsatsi le aneng a nyelela ka lone, one aga metsi mme ka Laboraro, ke fa ke utlwa gotwe o nyeletse. Go ne go se monate. Ke latlhegetswe ke nnake.”
Kgabagare, go ne ga utlwala go gelebetega ga modumo wa dithunya kwa mabitleng morago ga phitlho.

