Motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi o neetswe beile ya R1000


Setshwantsho: Molatofadiwa, Tebogo Romeo Mahusi/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

28 Diphalane 2025 – Motsamisi wa kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi (32) o neetswe beile ya R1000 ke kgotlhathekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatso motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, kgetsi e buseditswe morago go fitlha Sedimonthole a tlhola matsatsi a le 2.  

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di a tswelela


Ka OBAKENG MAJE

22 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di solofetswe go tswelela kwa kgotlha-tshekelong ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatso motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung go fitlha ka Laboraro. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatsho motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di a tswelela


Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di solofetswe go tswelela mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatsho motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, kgotlhatshekelo ya Taung, ene ya busetsa kgetsi e morago go netefatsa bodulo jwa ga Mahusi le ditheetso tsa beile. Mo letsatsing la gompieno, mosekisi o tlhagisitse fa Mahusi a ile a romelela mosadi o go begwang fa ele motswa-setlhabelo molaetsa wa SMS, mme a mo kopa gore a seka a ya go mo tshwarisa. Ditheetso tsa beile di tla tswelediwa ka letsatsi la Mosupulogo.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

16 Diphalane 2025- Kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkele la Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi (32), e buseditswe morago go fitlha Diphalane a tlhola matsatsi a le 20 ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatsho motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, kgotlhatshekelo ya Taung, ene ya busetsa kgetsi e morago go netefatsa bodulo jwa ga Mahusi le ditheetso tsa beile. Mo letsatsing la gompieno, mosekisi o tlhagisitse fa Mahusi a ile a romelela mosadi o go begwang fa ele motswa-setlhabelo molaetsa wa SMS, mme a mo kopa gore a seka a ya go mo tshwarisa. Ditheetso tsa beile di tla tswelediwa ka letsatsi la Mosupulogo.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso ya beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di tla reediwa


Ka OBAKENG MAJE

16 Diphalane 2025- Kopo ya beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkele la Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi (32), e solofetswe go reediwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ka Lamatlhatsho motshegare kwa lenekeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro. Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe. Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, kgotlhatshekelo ya Taung, ene ya busetsa kgetsi e morago go netefatsa bodulo jwa ga Mahusi le theetso ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi se batlisisa kgetsi ya maiteko a kgothoso le tshenyo ya dithoto ya kwa Maphoitsile


Ka OBAKENG MAJE

28 Phatwe 2025- Sepodisi mono Taung se tlhalositse fa se batlisisa dikgetsi di le pedi. Sepodisi se batlisisa kgetsi ya maiteko a kgothoso o tlhometse le kgetsi ya tshenyo ya dithoto.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, e diragetse kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, mo bosigong jwa Labobedi. Mokgwabone are banna ba ba neng ba rwele dithiba nko le molomo (balaclavas), ba ile ba kgorogela mong wa lebenkele wa dingwaga di le 29, mme ba thuba motshini wa kgwebo (gambling machine) mme ba tsaya madi a mo teng.

“Ba ile ba fetela kwa lebenkeleng le lengwe la mong wa dingaga di le 40, kwa ba fitlhileng ba thuntsa teng. Fela, ba ile ba tswa ka nngopo e sa fotlhwa. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

“Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetse mabapi le dikgothoso tse go ka letsetsa seteishene sa sepodisi se se gaufi,” Mokgwabone.

taungdailynews@gmail.com