Dikago tsa sekolo-potlana kwa Graspan di awa


Setshwantsho: Sekolo sa Keememang kwa Granspan 

Ka OBAKENG MAJE

22 Lwetse 2024- Barutabana kwa sekolong se se potlana sa Keememang kwa motseng wa Graspan, gaufi le Taung, ba ikuela go Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima go ka ba tsaya tsia. Se, se tla morago ga gore barutabana ba, ba tlhalose fa sekolo sa bone se le makgasa, ebile dithulelo di ba wela.

Go ya ka mongwe wa barutabana o sa batleng go itsiwe ka ntlheng ya go tshaba go sotlakakiwa, are sekolo se mo seemong se se sa jeseng diwelang, gonne dikago tsa teng le tsone di awa.

“Mathata a rona mo sekolong ke tshireletsego ya baithuti. Dikago tse re leng mo go tsone tse, ga di a babalesega. Re kwadile makwalo a le mantsi go ya kwa Lefapheng la Thuto mo Bokone Bophirima, fela kopo ya rona ga e tsewe tsia.

“Re na le baithuti ba feta 54, fela palo ya barutabana ke e nnye. Ka di nako tse dingwe, o fitlhele morutabana a le mongwe a ruta diphaphosi di le dintsi a le mongwe. Go bua nnete, lefapha le re itlhokomolodisitse,” morutabana wa tlhalosa.

Morutabana o are, ga ba bone tshegetso go tswa kwa lefapheng, mme botlhe ba ba maleba go ba thusa, ba tlhalositse fa mathata a sekolo a thiba letsatsi. Morutabana o mongwe are, morutabana wa bo setlaboshane, o ruta Grade R go fitlha go Grade 3 a le mongwe.

“O mongwe o ruta Grade 4 go fitlha go Grade 5, mme o ruta dirutwa tsotlhe. Morutabana o mongwe o ruta Grade 6, mme le ene o ruta dirutwa tsotlhe a le mongwe.

“Re ile ra tlisediwa morutabana o mongwe o montsha, mme e ne o ruta dirutwa di le robongwe a le mongwe,” morutabana o wa tlhalosa.

Barutabana ba, ba tlhalosa fa ka Mopitlwe 2024, lefapha le ba itsisitse fa le tlile go tswala sekolo, mme baithuti batla sitlhamololelwa kwa sekolo-potlana sa Tshite kwa motseng wa Picong. Fela, ba tlhalosa fa ba setse ba beile letsogo mo phatlheng.  

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Sekolo seo sa Keememang, se na le baithuti ba le 69. Jaanong se tlile go tswalwa, mme lefapha le setse le tsentse kopo kwa Lefapheng la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa, gore le neele baithuti ba sepalangwa.

“Lefapha le ne le solofetse go tswala sekolo se ka Sedimonthole 2023, fela tiego go tswa go Lefapha la Dipalangwa, e tlhodile ketsaetsego. Gore sekolo-potlana se neelwe tlamelo ya ditiro tse di maleba, se tshwanetswe gore se be se na le baithuti ba le 235. Jaanong e tla bo e le tshenyo go ka tlhabolola sekolo seo.”

taungdailynews@gmail.com