
Ka OBAKENG MAJE
9 Lwetse 2025- Bangwe ba baagi kwa motseng wa Molelema, gaufi le Taung, ba re ba itumelela dithuso tse ba di boning go ntswa kwa setheong se eseng sa puso sa Baga Maidi Arts Centre. Setheo se, se tsweleditse letsema la go phephafatsa dikolo tse di farologaneng kwa motseng o.
Go ya ka motsamaisi wa setheo, Onkarabetse Aleta Moleleki, ba dira gape ka matsogo jaaka go loga le tse dingwe. Moleleki are ba ikuela go puso go ka ba neela kemo-nokeng e ba e tlhokang jaaka go ba rekela dilwana tse ba tla di dirisang go tsweletsa ditiro tsa bone tsa matsogo.
“Rona re lesome ka palo, mme re ile ra fetsa beke re phephafatsa sekolo sa Selekeng. Bagolo ba ile ba tlhagola, go haraka le go phephafatsa jarata ya sekolo gore go nne gontle. Beke enngwe re ile ra ya kwa sekolong se se potlana sa Molelema, mme le gone re dirile fela jalo. Re ile ra leba gape kwa sekolong sa Letlhogile kwa le gone re ileng ra phephafatsa.
“Re ile ra ya kwa kgosing le kwa kgotlheng, mme koo re ile ra nna letsatsi lotlhe re phephafatsa. Ka letsatsi la Laboraro, re loga sengwe le sengwe se se diriwang ka ulu jaaka ditlhoro, dimmetshe le dilo tse dingwe. Re na le motshini o le mongwe fela, mme re ka itumelela fa re tla neelwa o mongwe. Gape re na le motaki mo setheo sa rona, mme le ene o dira tiro e e tswileng matsogo,” Moleleki wa tlhalosa.
Moleleki are mo setheong sa bona, ba na le setlhopha sa bana sa mmino wa setso, ga mmogo le baboki. Moleleki are fa sekolo se tswile, ba thusa bana ditiro-gae (homeworks) tsa bone. Moleleki are o na le go apeela bana ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang.
“Re rotloetsa basha ba le bantsi go tsaya thuto ya bone tsia. Re ba ruta thata ka tsa botshelo, gonne ra itse gore letlhaku le lesha le agelelwa mo go la kgale. Jaanong go botlhokwa gore ba ithute go tswa go bo tlhogo-putswa gore malepa a botshelo a tsamaya jang.
“Jaanong, re ne re ikuela go puso ya rona go ka re fa tshegetso gore setheo sa rona se gole,” Moleleki wa tlhalosa.