Baagi ba Pudimoe ba re thebolo e bokoa ya ditirelo e ama matshelo a bone


Ka OBAKENG MAJE

19 Ngwanatsele 2025- Baagi ba motsesetoropo wa Pudimoe, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba tsweletse go itemogela thebolo e bokoa ya ditirelo. Baagi ba, ba ne ba neelana ka setlankana sa dingongorego (Memorandum of Demand) kwa kopanong ya bone le botsamaisi jwa masepala o mogolwane wa Taung mo letsatsing la maabane.

Go ya ka mongwe wa baemedi ba baagi, Oageng Maeco, ba duela dishuga kgwedi le kgwedi kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, mme ebile letseno leo le atswa masepala mo go direng madi. Maeco are fela kgaogo ya metsi le motlakase kwa Pudimoe e tsweletse go ama dikgwebo di le mmalwa, mme di latlhegelwa ke letseno ka ntlheng ya seo.

“Dijo di a bola ka ntlheng ya tlhokego ya motlakase. Tlhokego ya metsi yone e ama matshelo a rona ka mokgwa o sa siamang. Jaanong, re patelesega go ka tla ka toga-maano enngwe ya go bona metsi le motlakase. Fela seo se tlhoka tiriso ya madi a re senang one. Baithuti le bone ba amega, gonne ga ba kgone go bala e tswa ba kwala ditlhatlhobo. Ga re kitla re tswelela go amogela thebolo e bokoa go tswa go masepala wa rona.  

“Jaanong, re ikuela go masepala go baakanya mathata a re a tlhagisitseng. Fela re nagana gore tlhokego ya keteledipele e maleba, le yone e ka tswa e nnile le tlhotlheletso mo go phutlhameng ga thebolo ya ditirelo. Mogwanto o nnileng teng maloba mo Pudimoe, o tlhagisitse mathata a le mantsi. A mangwe a mathata ao, a tlhodiwa ke go tlhoka tlhaeletsano magareng ga baagi le masepala,” Maeco wa tlhalosa.

Maeco are badiri ba masepala ba itshela moriti o tsididi fela ntle le go buisana le baagi mabapi le kgaogo ya motlakase le metsi. Maeco are go tlhoka kgolagano go dira gore magodu a nne le tshono ya go senya le go utswa dithoto tsa masepala tse go ya ka molao, di tshwanetswe ke gore di be di tlhokometswe ke batlhankedi ba tshireletso ka dinako tsotlhe.  

O mongwe wa baeteledipele wa baagi, Odirile Kgosithebe are: “Re na le dingwaga di feta pedi re ntse re itemogela kgaogo ya metsi nako le nako. Pudimoe Water Plant Supply e neelana ka metsi go metse e mengwe go akaretsa masepaleng wa Naledi. Jaanong, go fitlha ga jaana, re itemogetse gore polante eo, ga e sa tlhole e kgona go ka neelana ka metsi a lekaneng go metse e farologaneng ka ntlheng ya mafaratlhatlha a bokoa.

Kgabagare, molekgotlha o a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are ba nnile le kopano le baagi ba Pudimoe mabapi le tlhokego ya metsi le motlakase. Maribe are ba ne ba memile setheo se se rebolang metsi sa Magalies Water, setlamo se se rebolang motlakase sa ESKOM, ga mmogo le sepodisi.

“Re ile ra dumalana gore kgaogo ya metsi e bakiwa ke go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kwa polanteng, mme re ile ra kopa gore fa go nna le diphetogo mabapi le thebolo ya metsi jaaka go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kgotsa go nna le ditlhabololo tse di maleba kwa polanteng, go tshwanelwa ke gore baagi ba itsisiwe ka nako.

“Fela, re na le tshepo ya gore fa kago ya polanta ya Pudimoe Water Plant Treatment Supply, baagi ba tla bona metsi ntle le kgaogo. Re ne re na le sepodisi go ka leka go thusana mabapi le bogodu jwa dithapo tsa motlakase. Re ile ra dumalana le baagi gore re tlile go dirisana thata le bone mo go rebeng bogodu jwa dithapo tsa motlakase,” Maribe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba Pudimoe ba lela ka tlhokego ya metsi


 

Ka OBAKENG MAJE 

7 Ngwanatsele 2025- Baagi ba motsesetoropo wa Pudimoe, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa tlhokego ya metsi e tsweletse go nna tlhoba-boroko kwa karolong eo. Baagi ba tlhalositse fa e setse e le sebaka jaanong ba sa bone metsi. 

Mongwe wa baithuti kwa setheong sa Vuselela TVET College yo o sa batlang leina la gagwe le itsiwe are: “Re itemogela matsapa kwa re dulang teng ka ntlheng ya tlhokego ya metsi. Ga re kgone go dirisa dintlwana-boithusetso, gonne ga gona metsi. Diaparo tsa rona tsone di tletse mo ntlung, gonne re kgonang fela go reka metsi a re tla a nwang.  

“Tlhokego ya metsi e baka malwetsi. Gape, e ama boitekanelo jwa rona jaaka baagi. Jaanong, re ne re ikuela go masepala go ka leka botokwa ka thebolo ya metsi gonne ra swa ra nyelela. Tlhokego ya metsi e re tshedisa boima, mme ga re kgone le go tlhapa go ya sekolong.”  

Molekgotlha o a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere are tlhokego ya metsi kwa motse-setoropong wa Pudimoe, e bakilwe ke go utswiwa ga dithapo tsa motlakase. Seepamere are go ile ga utswiwa transformer kwa motsesetoropong o, jaanaong ba ne ba setse ba itsisitse baagi mabapi le kgang e. 

“Re na le beke le matsatsi a ka nna mararo transformer e utswilwe. Gape, magodu ao, a ile a kgaola dithapo tsa motlakase. Fela, se ga se lebaka-itshetlhego, gonne re a patelesega jaaka masepala go neela baagi metsi ntle maipato. Re ne re ikaeletse go dirisa di engine tsa rona go pompa metsi gore baagi ba a bone. 

“Ntle le seo, go na le porojeke ya kago ya katoloso ya madutelo e e tsweletseng kwa motsesetoropong o. Jaanong, seo se tla se re kgoreletsa. Go bua nnete, re ne re ntse re na le mathata mabapi le thebolo ya metsi, gonne tiriso ya motlakase e ne e feta seelo. Maikaelelo ene ele gore porejeke e ya kago ya madutelo e neelwe baagi mo kgweding ya kamoso, fela ka ntlheng ya dikgaogo tseo tsa motlakase re tlile go amega,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are matsapa a thebolo ya metsi ga se fela kwa motsesetoropong wa Pudimoe.  Seepamere are ba ile ba itemogela go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kwa motseng wa Molelema, Manthe le kwa Lekgabeng. 

“Jaanong, selo se sa go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kwa madutelong a rona, ke selo se se tlhokang gore re se tseele matsapa rotlhe fela jaaka baagi ga mmogo le banna-le-seabe (stakeholders). Fa go utswiwa dithapo tsa motlakase, seo se shupa gore go tlile go nna le kgoreletsego ya thebolo ya metsi, gonne madutelo a le mantsi a ikaegile ka tiriso ya motlakase go pompa metsi. 

“O tla gopola gore ka di 22 Phatwe 2025, ke fa re rebola di engine tse di pompang metsi kwa motseng wa Molelema. Fela morago ga dibeke di le pedi, ke fa di utswiwa. Jaanong, re setse re akantshana jaaka masepala gore a gongwe re ka se tsenye tiriso ya letsatsi (solar system) go pompa metsi,” Seepamere wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa Magalies Water, Trinity Bogosi are bone jaaka setlamo se se thapilweng ke masepala wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go rebola metsi go baagi, ga ba kitla ba tshwaela mo ntlheng eno, gonne ba nnile le tumalano le masepala go ka ntsha ntlha-kemo ya bone mo ntlheng e. 

taungdailynews@gmail.com