
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse was Itireleng, gaufi le Taung, ba kaile fa ba amogela kago ya tsela ya dikilomitara di le 10 e golaganyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18. Seno se tla morago ga kopano ya baagi, masepala o mogolwane wa Taung, Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima, ga mmogo le Kantoro ya Mo premiere (Office of the Premier) mo letsatsing la gompieno.
Baagi ba Itireleng, ba lobaka ba ikuela gore puso e ba agele tsela dingwaga-ngwaga tse di fitileng. Jaanong, meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe, o kaetsr baagi fa masepala o tlile go ba agela tsela ya paving, mme ele ka tshwaragano le Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima.
“Re dumalane le Lefapha la Ditsela ka tsiregayo go tswa go District Development Model (DDM) ga mmogo le Office of the Premier, go ka nna le kgokagano. Mme maitlhomo le maikaelelo a rona ele go agela baagi ba rona tsela e kgale ba lela ka yone.
“Mo kgokaganong e, badiri ba tlile go duelwa go ya ka seelo sa EPWP. Ga go tle go thapiwa rakontera, mme go tla thapiwa fela baagi ga mmogo le mogokaganyi magareng ga badiri le botsamaisi. Re tlile go thapa badiri ba le 80, mme molekgotha wa kgorwana e, o setse a thapile batho ba le 40,” Gaoraelwe was tlhalosa.
Gaoraelwe are go fitlha ga jaana, go setse go dirilwe tsela e tla dirisiwang ke baagi fa e sentse e baakangwa. Gaoraelwe o kaile fa porojeke e, ele e e kgethegileng.
“Dilo tsotlhe tse di tla tlhokagalang go aga tsela, di tla bo di tswa kwa Lefapheng la Ditsela. Mme ditirelo tse dingwe di tla tswa kwa masepala. Se batho ba sa se tlhaloganyeng ke gore, ke rona jaaka masepala re ile ra tsaya tshwetso ya gore re tlile go aga tsela. Morago ga dipalopalo tse re di dirileng, , re ne ra beela thoko tekanyetso-kabo ya R10 million.
“Fela, se ene ele tsitsinyo fela, mme go ne go sena madi a re a beetseng thoko. Fela, morago ga moo, re ne ra itemogela gore tsela e, ga e wele mo masepaleng. Rona jaaka masepala, re ikarabela mo ditseleng tse di mo gare ga motse. Jaanong, tsela e, e golaganya tsela ya N18 le motse wa Itireleng,” Gaoraelwe wa tlhalosa.
Fela mongwe wa baagi are ga ba kgotsofadiwa ka mokgwa o tsela ya bone e tlileng go agiwang ka teng. Boitshepo Seoloseng are, jaanong ba tlile go e koma e galaka gonne se ba se tlhokang ke tsela.
“Re lela thata ka ledi le badiri ba tlileng go le amogela. Di ura tse di berekiwang kwa EPWP ga di tshwane. Gona le mo go berekiwang di ura dile robedi, fa tse dingwe go diriwa di ura dile nne. Jaanong, re bolelelwa ka madi a lekanang. Fa go agiwa tsela, re tlile go dira ka setene, mme re tla bo re inama re inamologa.
“Ka jalo, re tlile go tsenwa ke manokonoko, mme fela re itumelela gore Office of the Premier, ba ile ba kgona go utlwa selelo sa rona morago ga dingwaga-ngwaga re ikuela mabapi le tsela,” Seoloseng wa tlhalosa.
Moagi o mongwe, Tlhalefo Sekgetho are jaaka baagi, ga ba amogele se masepala o tlileng go se ba bolelela. Sekgetho are tsela e, e tlile go tsenngwa ka sebopego se eleng gore ga ba se tlhaloganye.
“Ba re e tlile go berekwa ka mokgwa wa EPWP mo sebakeng sa dikgwedi dile lesome, kgotsa go feta. Jaanong, re ipotsa gore a tsela e ka berekiwa sebaka se se telele jalo.
“Nagana fela go tsholetsa ditene, mme o be o tla go duelwa ka selekanyo sa EPWP. Fela, re tla reng gonne ga re kgone le go ya toropong, jaanong ke gone fela gore re amogele,” Sekgetho wa tlhalosa.
taungdailynews@gmail.com